Babelaelwa ba le bararo ba tlaa emela tsheko kwa ntle
22 Aug 2023
Babelaelwa ba le bararo mo polaong ya ga Mme Galeyo Kgokgothwane, ba tlaa emela tsheko kwa ntle fa a le mongwe ebong ngwana wa moswi a tlaa nama a le mo kgolegelong, ka mabaka a tshireletsego ya gagwe.
Se se tla morago ga gore bone jo bo itshupe fa pele ga ga mmakaseterata Rre Onneile Ntwayapelo kwa Serowe ka Mosupologo mo tshekong e go belaesegang bone jo, bone jwa bolaya mme wa mogwebi wa dingwaga tse 66 wa kgotla ya Makolojane.
Borre ba le bararo le mme a le mongwe ba tshwere ka kgwedi ya Seetebosigo e le masome mabedi boferabobedi mabapi le leso leo.
Babelaelwa ke ngwana wa moswi Moitsi Kgokgothwane wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi (32) yo lekgotla le neng la seka la amogela boikuelo jwa go emela tsheko kwa ntle.
Ba ba emetseng tsheko kwa ntle ke mosadi wa ga Moitsi Mme Gontefetse Kgokgothwane wa dingwaga tse di masome a mabedi le bofera bobedi(28), ntsalae Wetsho Ntwayagae(25), le Motseotsile Ntwayagae (25) ba tswa kwa wa Thabala.
Lekgotla le laotse gore boraro joo, bo tshwanetse go ipega kwa mapodising mo dibekeng tse pedi ka Labotlhano, mme ba seka ba kgoreletsa ditlhotlhomiso.
Lekgotla le boletse fa le ka seke le fe ngwana wa moswi go letela tsheko kwa ntle ka a sa sireletsega ka masika a moswi ba santse ba shakgetse, sebesegolo e le gore fa a ka letela tsheko kwa ntle o tlaa bo a boela teng kwa lwapeng.
Maduo a ditshekatsheko tsa setopo go tswa kwa dingakeng kwa Sekgoma a santse a emetswe, mme ditlhotlhomiso di tsweletse.
Tiragalo eo e diragatse ka kgwedi ya Seetebosigo ele masome mabedi le borefababedi monongwaga, fa ba sepodisi ba ne ba begelwa ke ngwana wa moswi fa go na le mathata, mme yare ba goroga kwa lefelong la tiragalo ba fitlhela moswi a rapaletse mo boidiiding jwa madi.
O ne a ragosediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa dingaka di rurufaditseng fa a setse a tlhokafetse.
Mmelaelwa wa ntlha o tlaa itshupa gape kwa lekgotleng kgwedi ya Lwetse ele masome mabedi, fa ba bararo ba tlaa itshupa gape kwa lekgotleng kgwedi ya Ngwanatsele e supa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Kgotla tshekelo
Date : 22 Aug 2023