Banana ba atla lenaneo la A re Chencheng
21 Aug 2023
Banana ka go farologana ba amogetse mogopolo wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi wa gore Batswana ba fetole ka fa ba dirang dilo ka teng ka mo nakong eno dilo ka bontsi di fetoga e bile go gatetswe pele mo lefatsheng leno.
Go ipaya mo dinakong, banana bogolo jang ba ba mo dikerekeng kana mo ditumelong tse di farologaneng ba buile ka lentswe le le lengwe gore ba tshwanetse ba fetola tse ba ntseng ba di dira mme ba tlhabolole dikereke.
Ba ne ba bua jalo kwa motseng wa Lesenepole ka Tshipi kwa banana ba ba mo dikerekeng ka go farologana ba neng ba buisanya ka go fetola ka fa ba ntseng ba dira ka teng. Ka jalo ba ne ba kopa baeteledipele ba dikereke bogolo jang bagolo go ba letlelela go ntsha megopolo e e tla a ba isang kwa pele.
Mongwe wa banana mme Kealeboga Ramakatane a re gore motho a fetole ka fa a dirang dilo ka teng go tlhokana le gore a fetole tlhaloganyo ya gagwe mme a lebe dilo ka tsela e sele.
A re fa motho a leba dilo ka tsela e sele o tshwanetse a lemogiwe ke ba ba mo tikologong ya gagwe mme ga a tshwanela gore a ipolele gore o fetogile ka jalo o ne a gwetlha banana go tshwaragana mme ba tseye dithuso tse ba di fiwang ke puso go itshetsa.
Mongwe wa ba-na-le bogole kwa motseng oo Rre Kaone Madibela o ne a kopa gore setshaba se sekaseke ba-na-le bogole ka le bone ba na le bokgoni. A re ba-na- le bogole ba na le ditlhaloganyo ka jalo ba tshwanetse ba fiwe maemo mangwe gore le bone ba ipone e le batho.
Mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala Rre Sethabelo Modukanele o ne a supa fa mogopolo wa go itebaganya le banana ba ba tswang mo dikerekeng tse di farologaneng e ne e le ka mabaka. A re banana ba ba tswang mo dikerekeng ka go farologana ba na le tiro e tona e ba tshwanetseng ba e dire mo setshabeng mme ba tshwanetse ba amogele seo.
Rre Modukanele o ne a akgola banana ba baneng ba phuthaganetse kwa kgotleng ya motse wa Lesenepole go bo ba tsere tsela e e siameng ya go boifa Modimo mme a ba kopa go tswelela ba dira jalo. A re banana ga ba a tshwanela go itlhoboga mme ba tshwanetse ba gatele pele.
O ne a supa fa sengwe le sengwe mo botshelong se na le matlhakore a mabedi mme banana ga ba a tshwanela gore e re ba dira sengwe se se molemo ba bo ba remelela mo mathateng a sone fela mme ba tshwanetse ba lebe bomolemo jwa teng.
Rre Modukanele o ne a rotloetsa banana go eletsa go gaisa ba ba dirileng sengwe se se molemo mme ba dire sengwe le sengwe ka maikaelelo a gore ba tla a se dira go na le gore ba re ba tla a leka.
O ne a rotloetsa banana go dirisa maranyane mme go dira tse ba di batlang ka ba ka kgona go dira sengwe le sengwe ka one ba ntse ba le mo motseng wa bone.
Rre Modukanele o ne a ba kopa go diragatsa ditoro tsa bone ka tshosologo mme ba seka ba tsaya gore lefelo le ba leng mo go lone le ka kgoreletsa tse ba di batlang mo botshelong.
O ne a kopa setshaba gore se seka sa ketefatsa lenaneo la go fetola tse ba ntseng ba di dira mme ba le tseye sentle ba fetoge ka dinako di tsweletse ka go fetoga e bile di tlaa tswelela di ntse di fetoga.
Mopalamente o ba gwetlhile go emisa dikgang tse di leng mo bangweng tsa gore botshelo bo thata a supa fa botshelo bo ne bo le thata mo dinakong tsa bogologolo eseng mo nakong eno. A re mo nakong eno go na le didirisiwa di tshwana le maranyane tse di tshwanetseng gore di dirisiwe go re di sologele Batswana molemo.
A re Tautona Dr Masisi a re Batswana ba tshwanetse ba lebe botshelo ka tsela e e farologaneng mme fa ba ka dira jalo ba ka kgona dilo di le dintsi.
Rre Modukanele a re Batswana ba tshwanetse ba simolole ka go itse gore ke bomang, e bile fa e le gore go na le phoso e ba e dirileng, a ba e baakanye.
A re ka jalo puso e lebile le mananeo a yone gore e a tokafatse jaaka la Ipelegeng gore le sologele Batswana molemo.
O ne a kopa batsadi go emisa go dia bana ka dipuo tsa gore ba seka ba kgoba bana marapo ka dikgang tsa bo ‘ga go kake ga kgonagala.’ Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LESENEPOLE
Event : Puisano
Date : 21 Aug 2023