Breaking News

Modiri wa Lephata la Dikitsiso o bolokilwe

21 Aug 2023

Dibui ka go farologana di supile fa Mme Keemetse Moroka e ne e le motho yo o lorato, a na le botho e bile a dirisana sentle thata le babereki ka ene.

Ba tlhalositse se, ka malatsi a segopotso ka botshelo jwa gagwe ga mmogo le ka letsatsi la phitlho.

Mme Moroka, yo o neng a direla kwa lephateng la dikitsiso kwa Gaborone, o tlhokafetse kgwedi eno ya Phatwe e tlhola malatsi a le lesome le bongwe, mme a bolokwa ka Matlhatso kwa motseng wa Mmathethe.

Mogolwane wa lephata, Mme Kelebogile Jaba o tlhalositse fa Mme Moroka a simolotse go berekela mo lephateng leo ka ngwaga wa 2016, mme a thapiwa go nna morongwa, yo o neng a thusa go isa makwalo kwa le kwa fa godimo ga go folosa dithoto.

Mme Jaba a re Mme Moroka o tlhokafala jaana e ntse e le mmereki ka ene, e bile a supa fa a ne a dira tiro ya gagwe ka botswapelo. Mme Oduetse Goitsemang, yo e leng tsala, o supile fa Mme Moroka a simolotse go supa fa a sa tsoge sentle ngwaga yo o fetileng go fitlhela  a tlhokafala.

Motsadi, Rre Phapaano Tsimako, ene o supile fa ngwana wa gagwe e ne e le motho yo o botho le maitseo, e bile a re seo se kailwe ke tshologelo ya badiri ka ene ba ba neng ba tlile go mmoloka, le ka fa ba mo supileng a ntse ka teng fa a santse a le mo botshelong.

Mme Moroka, wa dingwaga tse di masome a mane le boraro, o tsene sekole go fitlhelela lokwalo lwa bobedi (Form 2) kwa sekoleng se segolwane sa Mmathethe.

O ne a simolola go bereka mo khamphaning ya Fashion Design kwa Gaborone ka ngwaga wa 2000, a tloga a ipereka mme morago a direla mo lephateng la bobega dikgang la dikitsiso ka 2016, ko a tlhokafalang a ntse a le mo go lone.

O tlogela bana ba le bararo ba basetsana, ngwana wa ngwana a le mongwe, mmaagwe le batsalwa le ene ba le ba le bane, borre ba le babedi le bomme ba le babedi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Phitlho

Date : 21 Aug 2023