Breaking News

Tona o ba gwetlha go godisa dikgwebo

21 Aug 2023

Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone Mme Talita Monnakgotlao gwetlhile bagwebi ba ba botlana go godisa dikgwebo tsa bone go nna tsa sennela ruri go ka tokafatsa itsholelo ya kgaolo.

O buile se ka letsatsi la ditshupo tsa dikgwebo tse di potlana tsa kgaolo ya Hukuntsi bosheng.

Mme Monnakgotla o ne a supa fa bagwebi ba na le go phuaganya dikgwebo tsa bone ka nako ya fa dipoelo di le boutsana.

A re seo, ga se a tshwanela go ba kgoba marapo, a re ba dirise dikgwetlho tseo e le tsela nngwe ya go ka ikanoka mme morago ba leke go fetola seemo.

Mme Monnakgotla o ne a ba gwetlha go etela diofisi tsa boipelego go ba lomaganya le ba ofisi ya Local Enterprise Authority (LEA), go ba rutuntsha ka go tsamaisa dikgwebo a re bagwebi ba na le mananeo aa ka ba thusang go tlhabolola dikgwebo tsa bone, le gone go di bapatsa kwa mafelong a kwa ntle ga kgaolo.

Rre Elliot Sebikiri, o ne a tlhalosa fa ditshupo tse, e le tsela nngwe ya go leka go bapatsa dikgwebo tse dipotlana tse di mo kgaolong tse bontsi jwa tsone e leng tsa tiro ya diatla.

A re ditshupo tseo, di tla thusa le bone bagwebi go lomagana le bagwebi ba ba bangwe go annywa dikitso tse ka tsone, ba ka tlhabololang dikgwebo tsa bone.

O ne a tlatsa ka gore ditshupo di fa bagwebi sebaka sa go kopana le bareki mme ba ba fe maele a go ntsha ditirelo tse di tsamaisanang le dikeletso tsa baji bareki.

Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosa fa ditshupo tseo, di tla thusa go menagane go rotloetsa bao, ba eletsang go tsena mo kgwebong gammogo le gone go godisa serodumo sa bao, ba setseng ba itshetletse.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Merapelo Tshweneyagae, o ne a akgola barulaganyi ba ditshupo tseo, a re go tla thusa go lemotsha banana ba kgaolo gore go dira ka diatla go thusa go menagane go jesa malwapa.

O ne a gwetlha bagwebi gore ba seka  ba nyatsa maiteko a bone ka jaana, ba tla tswelela ba ntse ba gola go nna  bagwebi ba tlhwatlhwa.

A re seabe sa mogwebi mongwe le mongwe se botlhokwa ja kaana, se thusa mo go godiseng itsholelo ya kgaolo gammogo le ya lefatshe ka bophara.

Rre Lone Mphela go tswa Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA), o ne a ba kgothatsa go tswelela ba dira ka natla go thusa go fetola sebopego sa itsholelo ya lefatshe leno.

O ne a ba kopa go ikopanya go tlhama dikhamphani gore ba kgone go bona dithuso tsa madi a botoka gore ba kgone go ntsha ditirelo ka bokete go emelana le dikeletso tsa baji bareki.

Rre Mphela a re ba thusa dikgwebo di tshwana le tsa temo thuo, kago tsa matlo a bonno le tse dingwe mme go setswe morago ditshetlana tsa kadimiso madi le bokgoni jwa kgwebo ya moikopedi.

Mo mafokong a malebo, modulasetilo wa khansele ya Hukuntsi, Rre Moratwa Lekolori, o ne a rotloetsa bagwebi go fetola ka fa ba dirang ditiro tsa bone ka teng go tsamaisana le diphetogo tsa thekiso mo mebarakeng.

A re ba tshwanetse ka go simolola go ntsha ditirelo tsa bone kwa mahuring mme nne mo pontsheng go kgona go bona letseno le le botoka.

O ne a ba rotloetsa go dira ka bokgabane go ngoka bareki a re go dira jalo, go tla ba fa tshiamelo ya go phadisanya le bagwebi ba dikgaolo tse dingwe, mme ba godise serodumo sa kgaolo ya Kgalagadi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Ditshupo

Date : 21 Aug 2023