Ba Mogapi ba ipelela thobo
21 Aug 2023
Morafe, dikgosi le dikereke ka go farologana kwa motseng wa Mogapi ba ne ba phuthaganetse kwa kgotleng ka Matlhatso go ipelela thobo e ba kgonneng go e bona mo temong e fetileng.
Maikaelelo a moletlo o, o tshwarwang ngwaga le ngwaga, ke go isa thobo kwa go kgosi gore a tle a abele ba ba tlhokileng lesego, baeng ba gagwe le ope fela yo tlhokang thuso ya dijo.
Molalediwa wa tlotla, Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Sethabelo Modukanele o galaleditse banni ba Mogapi go bo ba ile ba tla ka kakanyo ya go lebogela thobo, go thusa ka dijo ba bangwe ba ba tlhokileng lesego.
A re puso e rotloetsa thata ditiro tsa mofuta o, ke sone se e boneng go le maleba go nna le lephata le le itebagantseng le ngwao, go rotloetsa Batswana go ipela ka ngwao ya bone e e ikaegileng ka botho le go utlwela ba bangwe botlhoko. Rre Modukanele, yo e bile e le Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, o rotloeditse banni ba Mogapi go tswelela ba inaakanya le ditiro tsa ngwao go tlhabolola matshelo a bone.
A re tiro e ba e dirileng e supa tlotla e ba e neelang kgosi ya bone jaaka go ne go ntse bogologolo, mokgwa o a supileng fa o nyelela.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa kgaolo Rre Molebatsi Molebatsi o iteetse legofi banni ba Mogapi, gape a ba rotloetsa go tsena mo temong gore ba kgone go ntsha dijo tse dintsi.
A re mo nakong e sa fediseng pelo, puso e tla ribolola lenaneo le lesha la temo, le le tla thusang balemi ka bontlha bongwe jwa madi go gokela didiba le tse dingwe.
A re o solofela gore balemi ba tla atla lenaneo leo, a rotloetsa banni ba Mogapi gore ba seka ba salela kwa morago fa lenaneo leo le simolola.
Rre Molebatsi a re tiro ya go lebogela thobo e supa gore banni ba ne ba sa nna fela ba iphotlhere, mme ba kgonne go bona thobo le fa dipula di ne di le boutsana.
Kgosi Boago Monnaapula wa Mogapi, o lebogetse morafe wa gagwe go bo ba tsweletse ka go ipelela letsatsi la thobo, a rotloetsa banana go tsenya letsogo mo ditirong tsa mofuta o gore le bone ba ithute.
O lebogetse botlhe ba ba nnileng le seabe mo go rotloetseng tiro e, bogolo jang morafe wa motse wa Mogapi, a tlhalosa fa letsatsi le le nnile teng e le moono wa lekgotla la baruti la motse oo.
Kgosi Monnaapula o lebogetse tshwaragano fa gare ga lekgotla leo le boeteledipele jwa motse, a tlhalosa fa ba dira go tlala ka diatla go tlhabolola matshelo a batho ba Mogapi.
Kgosi Monnaapula a re Batswana ba tswa kgakala ba ikaegile ka dikereke e bile dikereke di nnile le seabe mo go tlhabololeng matshelo a Batswana. ends
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MOGAPI
Event : Ipelelo thobo
Date : 21 Aug 2023