Breaking News

Baithuti ba rotloeditswe go tlhwafalela dithuto tsa maranyane

21 Aug 2023

Baithuti ba lokwalo lwa boraro ba sekole se segolwane sa Sesholo kwa Tumasera, ba rotloeditswe go tsaya dithuto tsa maranyane ka tlhwaafalo.

Ba kgothaditswe jalo bosheng ke bomme ba le bararo ba ba direlang kwa meepong ya Jwaneng le Morupule. Mongwe wa bomme bao, Mme Lesego Kebatsetse yo direlang kwa moepong wa Jwaneng o tlhaloseditse baithute gore ba tsile go ba kgothatsa le go ba lemotsha gore ba ka kgona lefa ntswa ba na le dikgwetlho tsa botshelo tse di farologanyeng.

Mme Kebatsetse o boleletse baithuti fa a tswa mo kgaolong ya Tswapong jaaka bone ka jalo dingwe tsa dikgwetlho tsa bone le ene o fetile ka tsone. A re diemo tsa malwapa a bone ga di a tshwanela go dira gore ba itlhoboge kana di ba kgoreletsa mo dithutong tsa bone.

Mme Kebatsetse o ba gakolotse gore go a kgonega gore ba bone se ba se batlang mo botshelong, mme go tlhoka gore motho a bo a iketeile sehuba a dira ka bonatla.

Fa  Mme Boitumelo Gabofele go tswa kwa moepong wa Morupule le ene a ne a tlholosetsa baithuti ka loeto lwa botshelo jwa gagwe se ele itemogelo ya gagwe ya botshelo.

Mme Gabofele o ba gakolotse gore ba tshwanetse ba batla go nna kwa godimo mo dithutong, a re ba ka kgona seo ka go dira ka natla. A re go dira ka bonatla ke selotlolo sa katlego, a ba rotloetsa gape gore letsatsi le letsatsi ba bue mafoko a a reng ke ‘nonofile ke ka kgona.’

O ba rotloeditse go itshidila mmele, mo a reng go thusa go baakanya boboko le maikutlo. Mme Gabofele o ba kopile go dirisa maranyane a bo Facebook mo dilong tse di botlhokwa ka gore a borai a ka senya botshelo jwa motho.

Mothusa Mogokgo wa sekole se se golwane sa Sesholo, Rre Lordick Mokobi a re go botlhokwa go nna le bomme mo ditirong tsa maranyane segolo jang kwa meepong.Rre Mokobi a re ke ka moo ba biditseng badiri ba bomme ba maranyane kwa meepong go tla go kgothatsa bana bogolo jang ba bomme gore baitsi gore le bone ba ka tsena mo ditirong mme ba felela e le baeteledipele. ends

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : TUMASERA

Event : Kgothatso

Date : 21 Aug 2023