Breaking News

Kgokgontsho e methale mentsi-Moswetsi

20 Aug 2023

Mogolwane wa Botswana Gender Based Violance Prevention and Support Centre, Mme Phelelo Moswetsi o tlhalositse fa kgokgontsho e le mefuta e bile e ama mongwe le mongwe.

O buile se ka letsatsi la botsogo le le neng le tshwerwe ke ba lekalana la botsogo la Botswana Defence Force, kwa kampeng ya Thebephatshwa bosheng.

Mme Moswetsi o tlhalositse fa borre ba le bantsi ba kgokgontshiwa maikutlo thata, fa bomme bangwe le bone ba kgona go itemogela kgokgontsho ya maikutlo.

A re kgokgontsho ya maikutlo e diragala thata mo maratong.  O tlhalositse fa bomme bangwe ba tsena mo maratong go dirisa borre go ba fa madi, mme fa madi a fela ba ba bo ba ba tlogela.  Mo godimo ga moo, Mme Moswetsi a re  bomme bangwe ba kgokgontsha bana  ba bakapelo ba bone ka methale e mentsi.   

Fela jaaka bomme ba dirisa borre mo go tsa madi, Mme Moswetsi a re  gona le borre ba ba dirisang bomme fa ba le mo maratong, ka go adima madi mme ba tlogele bomme mo setaateng.

O boletse gore fa  lerato le santse le le lesha, borre  ba ntsha  bomme ba ba ratanang le bone mo ditirong ba re ga ba duelwe sepe, go tsweng foo ba bo ba palelwa ke go ba tlhokomela.

Mme Moswetsi  o supile gape fa mofuta o mongwe wa kgokgontsho o dirwa mo batsading ke bana ba ba dirisang ditagi, ka go batla madi mo go bone, le gone go ba tsenya lehuma ka go utswa didirisiwa mo malwapeng ba ya go di rekisa gore ba kgone go reka ditagi..                       

Mo go tse dingwe, moitsaanape wa tsa madi go tswa kwa Money Matters Botswana, Mme Edna Dambe o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore batho ba bapise dikoloto tsa bone le madi a ba a amogelang gona le go iphetisa dikoloto.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho ba  beeletse dikoloi le matlo gore fa go ka nna le kotsi ba kgone go duelwa. Ends

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Thebephatswa

Event : Tsatsi la botsogo

Date : 20 Aug 2023