Lenaneo le gatisetse koketsego ya dipalo tse disha
20 Aug 2023
Baithuti ba Thuto ga e golelwe ba supile fa lenaneo leo le ntsha maduo go menagane.
Fa ba ipelela go dira sentle ga lenaneo leo kwa segopotsong sa letsatsi la go ithuta go bala le go kwala kwa motseng wa Mookane mo kgaolong ya legare bosheng, ba supile fa lenaneo le busetsa seriti sa bone ka go ba neela kitso ya go bala le go kwala morago ga go salela kwa morago lebaka le le leele.
Mogolwane wa Thuto mo kgaolong ya Mahalapye Mme Cecelia Sunday o supile fa batho ba amogetse lenaneo le ka gore ba ikwadisa ka dipalo tse dintsi, mme a supa fa go ne ga nna le kwelotlase ya ikwadiso ka mabaka a a farologaneng.
O tlhalositse fa lenaneo la bagolo la thuto ga e golelwe le na le baithuti ba le bantsi, a supa koketsego go tswa kwa go 392 go ya kwa go 2 405 ele palo ya baithuti botlhe monongwaga.
A re se se supa fa batho ba lemoga fa go itse go bala le go kwala go le botlhokwa ebile go ba tlhofofaletsa ditiro. O boletse fa ba ne ba rutuntsha baithuti ba le masome a mane go dira jeme go oketsa dithuto tsa bone le go ba thusa go itirela dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone.
Mookamedi wa banka ya ABSA ya Mahalapye Rre Lucky Bonang, o supile fa thuto e thusa go rarabolola mathata ka gore go nna motlhofo go amogela le go tlhaloganya seemo.
Rre Bonang o kgothaditse baithuti go tsaya dithuto tse ka botlhaga jotlhe gore ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone.
O rotloeditse dialogane go nna sekao mo go ba ba saletseng kwa morago gore ba kgone go bona maduo a lenaneo le.
O akgotshe ba Lephata la Thuto maiteko a go le tokafatsa, a bo a ba gakolola go itshwaraganya le bogogi jwa metse e ba tsenelang mo go yone go ba thusa ka mafelo a a babalesegileng go ka tsweledisa dithuto le ka nako ya dipula. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : letsatsi la go ithuta go bala le go kwala
Date : 20 Aug 2023