Breaking News

Tlhokomelo ya bagodi konokono - Pule

20 Aug 2023

Go isetsa bagodi ditirelo tsa botsogo kwa ba leng teng go botlhokwa ka go ba fokoletsa mosepele wa go di latela kwa dipateleng.

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, yo gape eleng mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Rre Mabuse Pule o gateletse botlhokwa jwa go isa ditirelo tsa botsogo kwa bagoding.

O buile seo kwa letsatsing le le neng le seegetswe fa thoko ke ba botsogo kwa Kgatleng bosheng, go isetsa bagodi ditirelo tsa botsogo le gone fela go fetola ka fa dilo di ntseng di dirwa ka teng.

Rre Pule o rotloeditse maphata go emisa go tlhaola bagodi fa ba ba neela ditirelo, ka se se feletsa se folodisa maiteko a puso gammogo le go diga seriti sa bagodi mme ntswa e le bone motswedi wa ditso le dikgakololo.

O tsweletse a re batho ba tshwanetse go sekaseka gore ke thuso efe e puso e ka e fang bagodi mo lapeng, mme ba dire dithulaganyo tse di tshwanetseng go na le go ba latlhelela.

Rre Pule a re go botlhokwa gore batho ba ba tlhokomelelang bagodi mo malwapeng ba ikgolaganye le mekgatlho mengwe ya puso e e thusang batho ba ba godileng.

“Lenaneo le le thusang batlhoki le tsentse bagodi mo teng gore ba thusiwe.

Kopanang le ba boipelego gore ba le thuse, le seka la tshwaragana le bothata le le nosi ntswa puso e ntshitse mananeo go le imolola,” ga bua jalo mothusa tona.

Fa a tswa la gagwe, mooki yo o tlhokomelang bagodi le bana ba dikole mo Kgatleng, Mme Direpang Segosebe o tlhalositse fa letsatsi la go isa ditirelo kwa bagoding le beilwe go supa tlotlo le lerato mo go bone.

A re botsogo jo bo siameng ke ntlha e bagodi ba e tlhokang fela thata, e bile ba na le tshwanelo ya go thusiwa ke ba botsogo go sa lebiwe gore ke batho ba ba ntseng jang.

“Ke rotloetsa maphata go thusa bagodi sentle, e bile re fetoleng ka fa re ntseng re dira dilo ka teng fa re ntsha ditirelo ka gore le fa ba godile, ba tlhoka tlotla le theetso,” ga bua jalo mme Segosebe.

Mme Segosebe o gakolotse bana le masika gore ba seka ba ikgatholosa tlhokomelo ya batsadi, ba itse fa boikarabelo bo le mo maruding a bone.

A re e le ba botsogo, ba tlaa netefatsa gore letsatsi la go nna jalo le tshwarwa ngwaga le ngwaga.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Ivo Kgamanyane wa Boseja Borwa, o amogetse le go iteela legofi maiteko a ba botsogo ba a dirang, a re se ke nngwe tsela ya dithulaganyo tse di botlhokwa go tlhabolola botsogo jwa motho yoo godileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : MOCHUDI

Event : Letsatsi la botsogo

Date : 20 Aug 2023