Ba lela ka tikologo ee leswe
20 Aug 2023
Tikologo ee leswe e ka kgoba bagwebi marapo go tsisa dikgwebo tsa bone mo kgaolong.
Se se builwe ke banni bangwe ba Mogoditshane mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre Tumiso Rakgare bosheng.
Fa a lekodisa mopalamente matshwenyego a kgaolo, Modulasetilo wa komiti kgaolo ya ditlhabololo ya Mogoditshane Mme Elda Masimola o supile fa motse o tletse leswe a re le bone bagwebi ba ngongoregela selebego sa motse oo ka jaana seo se bake gore ba palelwe ke go lere dikgwebo tsa bone.
O tsweletse a supa gore khansele ya Mogoditshane/Thamaga e itse ka seemo seo e bile ga e tsibogele go tsaya matlakala mo malwapeng. Ka jalo o kgothaditse bogogi jwa motse go emela seemo se ka dinao.
Le fa go ntse jalo Mme Masimola o gakolotse banni le baagedi ba motse wa Mogoditshane go inaakanya le lenaneo le le tlaa dirwang la go phepafatsa motse gore ba tsenye letsogo.
Dibui ka go farologana di buile ba sa kgwe mathe ka leswe le le mo motseng ebile ba supa fa maiteko a a dirwang ke komiti ya ditlhabololo ya go phepafatsa mabitla a magologolo le one a itaya sefololetse.
Banni ba ngongoregile gape ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse ba reng di kwa godimo fela thata e bile ba retelelwa ke go di duela.
Mongwe wa banni Rre Pitso Sekao o supile fa ba tswa kgakala ba kopa gore koporase ya metsi e simolodise lenaneo la go duela metsi ka dikarata fela jaaka go diragala ka motlakase.
Fa a tsibogela matshwenyego a banni, Mopalamente Rakgare o rotloeditse morafe gore ba tseye boikarabelo jwa go fetola diemo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone. O rotloeditse banni gore ba simolole fela ka go phepafatsa fa ba nnang teng gore motse o nne phepa.
Mokwaledi mogolo wa khansele ya Mogoditshane/Thamaga Rre Losika Mosarwa a re khansele e ketefalelwa ke go lepalepana le seemo ka gore leswe le le tswang mo motseng le kwa godimo thata mme le felela le fekeetsa didirisiwa tse khansele e nang natso. A re khansele e na le dikoloi tse pedi fela tse di tsayang matlaka fa tse pedi di senyegile.
O tsweletse a re ba na le seemo sa madi a a tlhaelang ka ebile tiro eo ya go tsaya matlakala e le turu fela thata.
Le fa go ntse jalo o supile botlhokwa jwa gore morafe o tsenye letsogo mo go phapafatseng motse mme ebile a solofetsa fa khansele e tlaa ntsha didirisiwa ka letsatsi le le tlaa bewang la go phepafatsa motse.
Fa a tsibogela matshwenyego a banni ka dituelo tsa metsi, mookamedi wa koporase ya metsi Rre Kabo Maforaga a re koporase e kolotiwa madi a a fetang P1 billion mme madi ao ba a tlhoka go tsamaisa ditirelo tsa koporase. A re mo Mogoditshane go dirilwe matlo a phiriso ntle le go kgaoganya dimethara, a re seo se dira thata go ka laola tiriso ya metsi ya bahirisi.
Mme le fa go ntse jalo a re koporase e dirile lenaneo la go thusa batho go duela dikoloto ka go ketlola sekoloto.
Fa a bua ka tiriso ya dimethara tse di dirisang maranyane, Rre Maforaga a re ba simolodisitse ditekeletso kwa Block 8 mo Gaborone mme fa di ka supa fa dimethara tseo di siametse go ka dirisiwa, lenaneo leo le tla phatlaladiwa lefatshe ka bophara.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOGODITSHANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Aug 2023