Breaking News

Lephata le tsosolosa serodumo

17 Aug 2023

Tona wa botsogo Dr Edwin Dikoloti a re lephata la botsogo le ikaelela go netefatsa gore le a rotloetsa e bile le rera botsogo jo bo siameng ka dinako tsotlhe.

Tona o buile mafoko a kwa Pitsane ka Laboraro kwa a neng a ile go abela losea lwa ntlha go tsholwa monongwaga.

O ne a patilwe ke moemedi wa lefatshe la Afrika Borwa mono Botswana, Mme Thaniga Shope-Soumah.

Moletlo oo, o o tshwarwang ngwaga le ngwaga wa Mabu first born project ke tlhamo ya boemedi jwa Afrika Borwa mono Botswana le ba lephata la botsogo ba tshwaragane le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi.

Tona a re e re ka jaana lefatshe ka bophara le sa tswa go latlhegelwa ke matshelo, le bone ba e neng e le lesedi la malwapa one ao ntateng ya bolwetse jwa COVID-19, boemedi jwa Afrika Borwa bo ne jwa gwetlhega go simolodisa lenaneo leo.

Dr Dikoloti a re kgwedi ya ntlha ya botshelo jwa ngwana ke yone e e diphatsa e bile e le dikgwetlho, mme a re dintsho tsa masea di bakwa ke dilo tse di farologanyeng.

O tlhalositse gore go ya ka dipalo tsa Statistics Botswana go supahala fa lefatshe leno le dirile botoka thata mo go fokotseng dintsho tsa masea.

A re seo ke phenyo fela e tona.

Tona Dikoloti o lebogile ba-na-le seabe botlhe mo moletlong oo, segolo jang baemedi ba lefatshe la Afrika Borwa.

A re ere le ntswa dimpho tseo di ka seke di nonotshe itsholelo ya mo malwapeng, ke sekao sa gore e le ruri ngwana o agwa ke motse, e gokaganya setshaba le gone go tsosolosa tsholofelo mo setshabeng.

Rre Dikoloti o gwetlhile dikhasmphani tse di ikemetseng go rotloetsa go anamisa le go tsenelela dikgang tsa botsogo mo lefatsheng leno.

Fa a tswa la gagwe, Mme Shope-Soumah o ne a re e ne ya re morago ga segajaja sa COVID-19, ba thulanya ditlhogo mme ba senka sengwe se se ka tsisang monyenyo mo difatlhegong tsa setshaba ka Jaana batho ba ne ba latlhegetswe ke masika le ditsala mo nakong e khutshwane.

Lenaneo leo la Mabu le setse le dirisitse madi a a fetang didikadike tse pedi tsa dipula fa e sale le simologa.

Mme Shope-Soumah o lebogetse tirisanyo mmogo ya lephata la botsogo le baithaopi gore ba bo ba kgonne go abela bana ka bontsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Pitsane

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Aug 2023