Breaking News

Babelaelwa ba tlaa arabela loso lwa mogwebi

15 Aug 2023

Babelaelwa ba le bane ba tshegeditswe mo kgolegelong mabapi le loso la mme mongwe wa dingwaga tse di masome marataro le borataro wa kgotla ya Makolojane kwa Serowe.

Babelaelwa bao, borre ba le bararo le mme, ba ne ba itshupa fa pele ga lekgotla la ga Mmmakaseterata mo Serowe ka Mosupologo.

Ba tlaa itshupa gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le masome mabedi le bongwe.

Bone joo ke Moitsi Kgokgothwane wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi, Gontefetse Kgokgothwane wa dingwaga tse di masome a mabedi le bofera bobedi, Wetsho Ntwayagae le Motseotsile Ntwayagawe, ba ba dingwaga tse di masome mabedi le botlhano.

Go belaelwa fa bone joo, e rile kgwedi ya Seetebosigo e le masome mabedi le boferababedi jwa amana le loso lwa ga Mme Galeyoo Kgokgothwane wa mogwebi mo Serowe.

Motlhotlhomisi wa kgang eo, Constable Osetseng Langa o boleletse lekgotla gore babelaelwa ba tlaa emela tsheko mo kgolegelong, ka gore ba masika a ga Mme Kgokgothwane ba santse ba shakgetse thata, ka jalo go emela tsheko kwa ntle go ka nna borai mo matshelong a bone.

Constable Langa o boletse gape fa ba santse ba emetse maduo a ditshekatsheko tsa setopo, go tswa kwa sepateleng sa Sekgoma.

O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

Constable Langa o boletse fa ba begetswe ka tiragalo eo ke ngwana wa moswi, mme mapodisi a ragogela kwa lefelong la tiragalo, kwa ba fitlhetseng Mme Kgokgothwane a rapaletse mo boidiiding jwa madi.

A re ba ne ba mo ragosetsa kwa sepateleng sa Sekgoma, kwa  dingaka di rurufaditseng fa a setse a tlhokafetse.

Mogolwane wa mapodise a Serowe le tikologo, Senior Superintendent, Paul Oketsang o boletse mo potsolosong fa ba tshwentswe thata ke kgokgontsho e e tsweletseng mo lefatsheng leno, mo go felelang ka dintsho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Lekgotla

Date : 15 Aug 2023