Breaking News

Go tlhoka go tlhokomela bana go tsala dilabe

15 Aug 2023

Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong a re go botlhokwa gore batsadi ba buisane le bana gore ba nne le maikarabelo e bile ba tseye ditshwetso tse di tlaa ba agang mo isagong.

A re go molemo gore setshaba se tshwaraganele kgodiso ya bana.

Kgosi Mosinyi o buile seo kwa Shoshong kwa go neng go tshwere tirelo ya botsogo go buisana ka seemo se se golelang pele sa boimana jwa baithuti.

O rotloeditse bana go ikgapha mo tirisong ya diritibatsi le nnotagi, ka di senya matshelo a bone.

O ba kopile go ikela tlhoko mo bathong ba ba ba rutang ditiro tse di sa siamelang matshelo a bone, jaaka go tlhakanela dikobo le go dirisa ditagi.

Kgosi Mosinyi o rotloeditse bana go seka seka ditsala gore a ke tse di siameng go ka thusa mo go betleng matshelo a bone.

Fa a latlhela la gagwe, mooki go tswa Mahalapye, Mme Gosego Kaote o boletse fa go tlhoka go tlhokomela bana ga batsadi kwa malwapeng go na le seabe se segolo mo dikgwetlhong tse di aparetseng bana ba dikole.

Mme Kaote a re seabe sa batsadi mo tlhokomelong ya bana se a tlhaela, a tlhalosa fa bana ba kgona go tlogelwa ba le nosi batsadi ba ile masimo le kwa merakeng.

A re fa batsadi ba seo, bana ba a  itaola, ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng. A re sengwe se se bakang boimana mo baneng ke itsholelo e e kwa tlase kwa malwapeng, ka bana ba felela ba batla dithuso mo bathong ba ba tona ba e leng bone ba ba imisang.

A re bana ba segompieno ba rata go lekeletsa, ke ka moo ba felelang ba tlhakanela dikobo ba santse ba tsena sekole mo go leng diphatsa mo matshelong a bone.

Mme Kaote o rotloeditse bana go atamela ditlamelo tsa botsogo ka nako tsotlhe, ba seka ba tshaba baoki ka gore seo se ka ba baya mo diphatseng fa ba sa tsoga.

A re bangwe ba felela ba senya boimana selo se se sa babalesegang mme e bile se se ka fa molaong.

O ne a rotloetsa bana go ithuta thata, ba tume ka maduo a mantle, e seng ka ditiro tse di maswe.

Mme Kaote o boletse fa kwa sekoleng sa Shoshong Senior, go imile bana ba le 11, kwa Mahutagane JSS ba le babedi, Pekenene JSS kwa Mahalapye ba le babedi, mme kwa Madiba Senior ba le barataro.

Moemedi wa botsogo mo Shoshong, Mme Sinah Galeboe a re bana ba tswa mo dikoleng ka dipalo tse dintsi ka ntata ya boimana, ke ka jalo ba boneng go tshwanela gore ba phuthege e le ba botsogo le ba thuto go akantshana gore dikgang tse ba ka di fenya jang.

A re maikaelelo ke gore morago ga dipuisano, ngwana mongwe le mongwe a bo a nale kitso ya ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo, gape ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba.

O ne a ba rotloetsa go fetsa sekole pele ga ba nna batsadi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : SHOSHONG

Event : Tirelo ya botsogo

Date : 15 Aug 2023