Breaking News

Dipalo tsa balwetse ba madi a matona di golela pele

15 Aug 2023

Dipalo tsa balwetse ba madi a matona mo Tutume di oketsegile.

Go buile jalo ngaka ya kokelwana ya Magapatona kwa Tutume, Dr Keleabetswe Tsiako ka letsatsi la itshidilo mmele le botsogo la badirelapuso le banni ba motse kwa Tutume bosheng.

A re ka jalo puso e tlhomile lekalana le le faphegileng kwa kokelwaneng ya Magapatona go thusa balwetse ba gonna jalo.

A re go dira jalo go tsile morago ga go lemoga fa balwetse bao ba le bantsi mo Tutume, bogolo jang bagodi.

Dr Tsiako a re puso e tshwaragane le namane e tona ya go leka go lwantsha malwetse a tshwana le jwa sukiri le jwa madi a matona, a a gomagometsang go nyeletsa batho.

O boletse fa go itshidila mmele le go itlhokomela go ka fokoletsa puso mokgweleo wa go tlhokomela batho ba malwetse ao.

O gwetlhile batho go tshwenyega ka botsogo jwa bone, a gatelela ka gore seemo sa bolwetse jwa madi a matona se batla go tsibogelwe ka e bile ga bo itshupe ka dikai dipe mme bo le borai ka bolaya mhama.

Dr Tsiako a re bolwetse jwa madi a matona ga bo na kalafi mme bo ka thibelwa, fa batho ba laola ka fa ba jang ka teng le go itshidila mmele.

A re go itshidila mmele go dira gore ba lapologe ditlhaloganyo ka ba kopana le dikgwetlho mo ditirong le mo tikologo e ba tshelelang mo go yone.

O boletse fa batho ba tshwanetse go tshwenyega ka botsogo jwa bone gore tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di jang di siametse mebele ya bone.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Ishmael Mokgethi le ene o kopile batho go fetola maikutlo, maitsholo le ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng go dira se se tlaa siamelang botsogo jwa bone.

Rre Mokgethi a re botsogo jo bo itekanetseng ke konokono mo botshelong jwa motho, ka jalo a rotloetsa batho go nna ba ipha metsotsonyana ya go itshidila mmele.

Maikaelelo a letsatsi leo, e ne e le go dira gore batho ba motse ba tshwaragane le badirelapuso go nna le letsatsi la go itshidila mmele le go itlhatlhobela malwetse ka go farologana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Letsatsi la itshidilo mmele

Date : 15 Aug 2023