Breaking News

Ka Pula Drones e rutuntsha bana

15 Aug 2023

Mogolwane wa Ka Pula Drones, Rre Sizwe Makepe o tlhalositse botlhokwa jwa go rutuntsha bana ka maranyane ba sa le bannye, bogolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo gore ba kgone go phadisanya le ba ditoropo.

O buile jalo kwa moletlong wa go simolodisa semmuso botsalano jwa khamphani ya Ka Pula Drones le motse wa Mahotshwane ka Matlhatso, kwa gape ba neng ba abela banni ba motse oo dijo le diaparo.

O ne a tlhalosa fa Ka Pula Drones, e tshwaragane le Botswana Flying Lab, e tlaa dira ithutuntsho ya go dirisa maranyane a dikapa ditshwantsho a di drone e e tlaa tsenelelwang ke bana ba Mahotshwane.

A re moono oo, o nyalana le setlhogo sa kompone ya bone se se reng: Maranyane a Kamoso ke a Rona Rotlhe.

“E re ka di drone e le dilo tse disha go dirisiwa mo Botswana, re bone go le maleba gore Mahotshwane e nne mongwe wa metse e re e rutuntshang go di dirisa.

Re bone go le botlhokwa gore re ganelele mo go ruteng bana ka jaana e le bone bokamoso jwa rona,” a tlhalosa.

A re go tsisa dithuto tsa maranyane ao kwa motseng oo ke go rotloetsa bokgoni jwa bana mo ditirong tse dingwe ntle le tse di tlwaelesegileng.

A re ba ikaelela go tsamaisa dithuto ka Setswana, e bana ba ka e tlhaloganyang botoka.

E rile a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya Mabutsane, Mme Nolly Dikgokgwane a akgolela khamphani eo go bo e tsisitse lenaneo le le tsamaisanyang le maneneo a puso a go lemoga botlhokwa jwa maranyane mo Batswaneng gongwe le gongwe kwa ba leng teng, le go akaretsa mongwe le mongwe mo go anamiseng ditlamelo.

A re puso ya Botswana e dumela gore tiriso ya maranyane e ka tsisa ditlhabololo ka bofefo, le gone go golaganya lefatshe leno le mafatshe a mangwe.

O buile gape a supa fa puso e rotloetsa dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi go tsenya letsogo mo go tlhabololeng lefatshe.

“Se se dirwang ke Ka Pula Drones gompieno se tsamaelana le maikaelelo a lefatshe leno ka jaana re dumela fa tiriso ya maranyane e thusa go atolosa le go fefosa go tsisa ditlamelo, gammogo le go tshwaraganya lefatshe leno le a mangwe.

Tiro ya mofuta o e tshwanetse ya akgolwa ka jaana e sa rotloetse morafe wa Mahotshwane fela, mme e rotloetsa le lefatshe la Botswana ka bophara,”a tlhalosa.

Kgosi Mohurutshi Maipolelo o ne a tlhalosa fa motse wa bone e le mongwe wa e e kgakala le ditlamelo, ka jalo ba lebogela go bo ba supilwe ka monwana go akola dithuto tseo.

“Ke batla ke supe jaana gore lo kgethile sentle, ka gore motse wa rona ke o motho a ka reng o kwa teng-nyana-teng,” ga bua Kgosi Maipolelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MAHOTSHWANE

Event : Kabo dimpho

Date : 15 Aug 2023