Letsomane le tsene ka ga re itse kwa Bokspits
14 Aug 2023
Mapodisi a Bokspits a re ga a jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo jo bo kekelang, segolo bogolo jwa dihutshane.
Mookamela mapodisi a Bokspits, Superintendent Berman July o tlhalositse mo potsolotsong bosheng go re nngwe ya dikgang tsa mothale o, ke ya bosheng e ba tlhotlhomisang go nyelela ga dihutshane di le masome mane le bobedi mo lesakeng la morui mongwe wa Bokspits, kgwedi eno e tlhola gane.
Rre July a re mong wa dihutshane tse di nyeletseng tse di akaretsang dipudi le dinku, o lemogile mo mosong a bolotsa gore leruo la gagwe ga le mmogo.
A re morui yo, o ne a gakgamadiwa ke go fitlhela lesaka le butswe, dihutshane di le fa ntle, mme morago ga go di lekola a lemoga di tlhaela ka tse masome mane le bobedi.
Supt July o supile gore morago ga go dira ditlhotlhomiso tsa matlhagolela tsela, ba latedisa motlhala wa dihutshane tse, ka jalo go lebega di gateletswe ke palo ya batho ba ka nna bane mme di kgabagantse molelwane go tsena mo Afrika Borwa.
O tlhalositse gore mo nakong eno ga go ise go tshwarwe ope mabapi le tiragalo e.
Rre July a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go thusa morui yo go batla letsomane la gagwe.
Rre July a re mo nakong eno ba setse ba gatisitse dikgang di le nne go simolola ka Hirikgong go fitlha mo nakong eno.
A re ba itshwaragantse le mapodisi a Aferika Borwa go ba thusa go batla ba ba amegang mo bogodung jwa leruo le.
Supt July o tladitse ka go kopa banni ba kgaolo ya gagwe ya sepodisi go loma mapodisi tsebe fa ba ka utlwalela sengwe le fa ba lemoga mongwe yo ba sa mo itseng mo motseng kana a belaesega a ka nna le seabe mo borukutlhing.
O tladitse ka go re go lebega bogodu jwa leruo bo dirwa ke Batswana bangwe ba itshwaragantse le bangwe ka kwa Afrika Borwa.
Sengwe sa tse di tshwenyang mapodisi ke gore le fa ba dira maiteko a go patorola molelwane, sebe sa phiri ke gore terata ya molelwane e setse e onetse, ga mmogo le sekgwa se se bakwang ke setlhare sa Sexanana, ka jalo leruo le one magoduo a kgabaganya motlhofo.
Le fa go ntse jalo, Supt July a re mapodisi a itlamile go tswelela ba dira ka natla go lwantsha borukutlhi, ka jalo a ikuela mo setshabeng go tshwaragana le bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : BOKSPITS
Event : Potsolotso
Date : 14 Aug 2023