Balebeledi ga ba jesiwe diwelang ke bomaipaafela
14 Aug 2023
Balebeledi ba lefatshe ba kgaolo ya Shoshong ba tshwenngwa ke ba ba tsweletseng ka go ipaya lefatshe ntle le kitso ya lephata la kabo ditsha.
Ba re se se tla ka dikgwetlho le go baka dikgotlhang.
Ka jalo ba kopile ba kabo ditsha go potlakela dikgang tsa mofuta o, go itsa diphapang.
Ba buile jaana kwa thutopuisanyong e e neng e tshwerwe ke lephata la kabo ditsha la Shoshong le ba-tsaya karolo ka go farologana kwa Shoshong ka Labone.
Kgosi Keoganne Modisapodi yo e leng molebeledi wa lefatshe kwa Morale o tlhalositse fa mo kgaolong ya bone ba na le kgwetlho ya tlhaelo ya lefatshe la morafe ka gore bontsi jwa batho ba ne ba tsewa kwa dipolaseng kwa ba neng ba nna teng mme ba seka ba neelwa ditsha tsa bonno.
Kgosi Modisapodi a re se se bakile gore batho ba tle ba nne golo go le gongwefela ba le bantsi mme e re ba tlhoka kutlwisisanyo mo malwapeng a bone ba bo ba tswa ba ya go ipaya fela ba tshaba kgokgontsho.
O kopile gore go nne le thulaganyo ya go neela batho ditsha ka potlako fa ba sena go tsewa kwa dipolaseng gore ba nne le bonno jo bo siameng le go itsa dikgotlhang mo gare ga bone le balebeledi ba lefatshe.
Balebedi ba lefatshe ba ne ba supa ngongora gape mabapi le go ipaya masimo, ba tlhalosa fa batho ba itshegela masimo ntle le kitso ya bone.
Ba re se se baka kgotlhang ka gore bangwe ba kgona go ipaya fa go setseng go abetswe ba bangwe ba bo ba tlhatlaganela lefatshe, mme seo se bo se ba itsa go neelwa setlankana ka nako.
Ba boletse fa go ikokeletsa masimo go itsa ba bangwe go ikopela le ntswa lefatshe le le teng.
Ba re go ikokeletsa masimo, go baka go tswalwa ga ditsela mme ba ba dirang jalo ba sena maikaelelo a go rema ditsela tse disha tse di ralalang masimo. Ba-tsaya karolo ya dipuisanyo tse ba ne ba kopa gore botlhe ba ba beilweng fa godimo ga ditsela ba reme tse disha gore peo ya bone e seka ya babalela badirisi ba ditsela tseo.
Fa a tlatsa, Kgosi Tsietsego Molefi wa Mosolotshane o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke batho ba ba ganang go baya monwana fa batho ba bangwe ba kopa go bapa le bone.
A re dikgang tse di babalela baikopedi ka gore ga ba kgone go thusiwa ka nako. Kgosi Molefi o kopile gore ba lekgotla la kabo ditsha ba ele tlhoko selo se, ba bo ba baakanya le dipampiri tsa baikopedi go tlhofofatsa dikopo tsa bone.
Kgosi Molefi o supile fa kgang ya bosupi e ba baya ka fa mosing ka gore ba supa dilo tsa bogologolo, mme a kopa gore dipampiri tse di bayang bosupi di tlhabololwe ka fa go kwalwang ka teng gore bosupi e nne jo bo tlhamaletseng e bile bo ka seke bo ba golege ka sepe.
Balebeledi ba lefatshe ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke batho ba ba phunyang didiba mo masimong a bone ba bo ba gogela mathombo kwa ntle gore ba rekise metsi.
Fa a tswa la gagwe, motshwarelela mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Shoshong, Mme Amochilane Merafhe a re balebeledi ba lefatshe ba na le tshwanelwa ya go tsibosa lekgotla ka dikgang tsa go ipaya fela le go ikokeletsa masimo mo e seng ka tumalano le molao gore di kgone go potlakelwa .
Mme Merafhe o supile fa ba tlaa kopana le ba boipelego go dira thulaganyo ya go neela batho ba ba tsewang kwa dipolaseng thuso ka gore seemo sa bone ga se letle gore ba ka tsena mo palong ya ba ba letetseng go bewa ditsha lebaka le le leele.
O tlhalositse fa baikopedi ba sa tshwanela go kgojwa marapo ke batho ba ba ganang go ba beela menwana, a re fa go ntse jalo ba tsise dikopo tsa bone le mekwalo e e supang mabaka a go gana.
A re lephata le sekaseka mabaka a a kwadilweng le bo le thusa baikopedi ka go lekana.
Mme Merafhe o gakolotse balebeledi ba lefatshe go ba loma tsebe mabapi le dikgang tsa batho ba ba gogelang mathombo a metsi kwa ntle ga masimo gore ba di sale morago ka gore ga go mo molaong.
Kgosi Ogaketse Batsietswe wa kgotla ya Thagana kwa Shoshong, o supile ngongora mabapi le ditsha tse di atolosiwang fa gare ga motse di bo di thiba ditsela.
A re se se ba baya ka fa mosing ka gore dipalamo di ba baya kgakala ka gore ga gona ditsela fa gare ga digotlo. Kgosi o ne a ngongorega ka ditsha tse di tlhatlaganngwang mme go na le baitseanape ba ba segang ditsha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : SHOSHONG
Event : Thutopuisanyong
Date : 14 Aug 2023