Breaking News

Sekole se sebotlana sa Chakaloba se tlhatlosa dikakanyo

14 Aug 2023

Bogogi jwa sekole se sebotlana sa Chakaloba le jwa Topisi bo dumelane go dirisa kago e e agilweng ke BDF Military College go nna borutelo jwa bananyana.

Lefelo le, le le agilweng ka 2005, le ne le tshwanetse go nna sekole sa bananyana ba batlhoki le ba masiela, mme la nna dingwaga le sa dirisiwe,  ka jalo ba sekole sa Chakaloba ba kopa go le dirisa go rutela bana ba tonto tshipidi.

Kwa moletlong wa go rurifatsa se ka Labotlhano, mogolwane wa sesole, Brigadier Benjamin Masunga o ne a ba akgolela tshwetso eo, a re ntswa e le bone ba agileng ntlo eo ga ba na thata ya go laolela morafe gore go dirwe eng ka yone.

A re se, ke sesupo sa gore bogogi jwa sekole le batsadi ba Topisi ba kgathalela thuto.

Brigadier Masunga a re se ke go rotloetsa le go godisa mhama wa thuto gammogo le go somarela lefelo ka le ne le na le sebaka le sa dirisiwe.

A re ba tswa kgakala ba dirisana le sekole sa Chakaloba, a tlhalosa go re ba tlaa tswelela ba thusa fa ba kgonang teng.

Mogolwane wa thuto wa kgaolo ya Palapye, Mme Didimalang Mmemo a re tshwetso e e tserweng ke ba Topisi e supa boikarabelo jo bo kwa godimo le neelano.

Mme Mmemo a re lephata la thuto le itlamile go ntsha dithuto tse di tsamaelanang le tsa mafatshe a mangwe.

A re ba simolotse ba katisa bana ba ba yang go dira lekwalo la ntlha mo kgweding tse thataro mme jaanong ba dira se ngwaga otlhe.

Mogolwane a re le fa go ntse jalo ba tlhaelelwa ke matlo a borutelo a bananyana mme maikaelelo ke gore dikole tsotlhe tse dipotlana di nne le mophato wa bananyana.

A re lenaneo le le thusa go tlwaetsa bana sekole.

Mme Mmemo a re se ke motheo o o sa tshikhinyegeng go aga bana e bile o ba fa sebaka sa go anya kitso ka sekole, a akgola barutabana a re ba dira tiro e tona ya go aga bana.

Fa a tlhalosa gore ba gwetlhilwe ke eng go lopa tiriso ya lefelo le, mogolwane wa thuto ya bananyana Mme Jaone Gapatwe a re ba ne ba fekeediwa ke dipalo tsa bana ba lekwalo la ntlha le ba tshipidi mo ba feletseng ba dira gore bana ba faapane.

A re ba bangwe ba ne ba tsena phakela bangwe ba tsena motshegare, a tlhalosa gore seemo se se ne se ketefalela batsadi le barutabana.

Mme Gaopatwe a re lefelo le, le tlaa ba thusa thata ka jaana  ba na le bananyana ba le 27 ba ba  letetseng go dira mophato wa bananyana ngwaga o o tlang.

Morotloetsi wa sekole sa Chakaloba Mme Poloko Chakaloba o ne a leboga masole a re ba supa mowa wa go kgathala a bo a akgolela barutabana le PTA go thulanya diylhogo ka lefelo le.

Mme Chakaloba a re se, se supa fa ba tsibogetse moono wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi wa go fetola ka fa batho ba akanyang ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : TOPISI

Event : Moletlo

Date : 14 Aug 2023