Breaking News

B K Hardware le bagwebi ba abela sekole dimpho

13 Aug 2023

Sekole se sebotlana sa Tutume se abetswe dimpho di akaretsa P8 000 le motshine o o ntsifatsang dipampiri o o lopileng P30 000 go tswa kwa go ba B&K Kardware ba tshwaraganye le komiti ya batsadi le barutabana ga mmogo le bagwebi bangwe ba Tutume.

Mookamedi wa madirelo a B&K Hardware ba ba rekileng motshine o o ntsifatsang dipampiri, Rre Mbuso Timoth a re go botlhokwa go nna le seabe mo thutong ya bana.

Rre Timoth are khamphani eo e itebagantse thata le go thusa dikole.

A re mo nakong eno ba kgonne go abela dikole tsa Nkange motshine o o tshwanang le o, le go thusa sekole sa Selolwane mo Tutume ka didirisiwa tse di farologanyeng di akaretsa dibuka.

Rre Timoth a re maikaelelo a bone ke go dira pharologanyo e e bonalang mo dikoleng ka go thusa ka didirisiwa tse di rotloetsang.

O tladitse ka gore ba itlamile go tsenya letsogo mo setshabeng ka go dira ditiro tsa bopelotlhomogi le go nna le seabe mo go tsholetseng maduo mo dikoleng.

Fa a amogela mpho eo, mogokgo, Mme Kili Mpoko a re go a itumedisa go bona bagwebi ba inaakantse le go thusa go tlhabolola thuto.

Mme Mpoko a re mpho ya motshine o oketsang dipampiri e botlhokwa thata mo tsamaisong ya thuto ya letsatsi le letsatsi.

O tlhalositse gore sekole se dira botoka thata mo ditlhatlhobong, a tlatsa ka gore seemo seo se ngoka batsadi go tshologela mo sekoleng se, ba kopela bana ba bone diphatlha.

Ka jalo a re seemo seo, se bakile mosuke mo sekoleng.

A re palo ya baithuti e oketsegile thata go nna 965, seemo se se tsisang dikgwetlho tsa tlhaelo ya didirisiwa.

Mokhanselara wa Tutume Bokone, Rre Dema Thane a re go botlhokwa go bona bagwebi ba lemoga botlhokwa jwa thuto mo baneng.

Rre Thane a re dikole ka bontsi di santse di na le letlhoko la didirisiwa ka jalo a re o rotloetsa bagwebi go tswelela ba tsenya letsogo mo thutong ya bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Kabo dimpho

Date : 13 Aug 2023