Breaking News

Tona Molao o kgothatsa balemi ba Kgoro

13 Aug 2023

Balemi ba motse wa Kgoro cluster ba kopilwe go simolola go ntsha dijo tse di bonalang mo masimong a bone ka puso e dirile maiteko a le mmalwa go ba rotloetsa.

Tona wa Temo Thuo Rre Fidelis Molao o ntshitse thotloetso eo ka Labone kwa motseng oo jaaka a ne a rola semmuso motlakase o puso eo tsentseng mo masimong a balemi bao.

O tlhalositse gore le ntswa puso e ageletse masimo ao, ya tsenya motlakase le gone go kgaola ditlhare, go mo maruding a bone go bona gore ba tlhwaafalela temo go jesa lefatshe.

Rre Molao o tlhalositse fa kgaolo ya Barolong Farms ekile ya bo e itsege thata ka temo ee tlhabolotsweng, mme a re jaanong ke nako ya gore balemi ba ikiteye ka thupana ba busetse serodumo seo.

Tona molao o tlhaloseditse ba-tsena moletlo oo gore maikaelelo magolo a puso ke go thusa balemi gore ba tle ba kgone go lema dijo tse di lekaneng.

O tsweletse ka gore fa ba ka lema sentle, ba ka kgona le gone go tlhama ditiro.

Rre Molao a re go mo maruding a bone gore ba bone gore ba dira sese tshwanetseng ka jaana puso yone e dirile tiro ya yone.

O ne a gakolola beng ba masimo ao gore ba seka ba tshaba go buisana le babeeletsi gore ba tle go dira kgwebo mo masimong a bone ka kgato eo le yone e ka ba solegela molemo.

A re ga go mosola gore e re motho a sena dithata a bo a nna ka tshimo mme go kgonega gore a e hirisetse ba ba kgonang.

E re ka jaana lenaneo la ISPAAD le tla bokhutlong mme go tsena le lesha la Temo Letlotlo, o rotloeditse balemi ba masimo ao go le dirisa ka mashetla mme ba netefatse gore ba lemela kgwebo e seng go jela mo ganong fela.

A re molemi yo o tlaa ntshang dijo tse di lekaneng mo lenaneong la Temo Letlotlo o tlaa atswiwa gore a kgone go tlhabolola temo ya gagwe.

Rre Molao o boleletse balemi bao gore jaanong ke maikarabelo a bone go netefatsa gore didirisiwa tse di mo masimong a bone ga di senngwe.

Mo boemong jwa modulasetilo wa baikopanyi bao Rre Moruti Tlhobogang o tlhaloseditse tona fa  ba amogela ka boitumelo dithuso tse ba di boneng mo masimong a bone.

A re tsholofelo ke gore go ya pele ba tlaa nna seoposengwe mme ba dire tsotlhe tse di maleba.

Rre Tlhobogang o tlhalositse gore  ntleng le go agelwa terata ya masimo le gone go tsenyediwa motlakase, puso e setse e kile ya isa bangwe ba bone dithutong tsa temo ee tlhabolotsweng kwa Malawi, a re ba lebogetse seo go menagane.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi James Tekanyo wa Kgoro o ne gwetlha banana ba motse wa gagwe go ema ka dinao ba tseye mananeo a puso go itlhamela ditiro le go jesa lefatshe leno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : KGORO

Event : Tholo semmuso

Date : 13 Aug 2023