Captive Eye e tsibosa ka ditagi
13 Aug 2023
Tiriso ya ditagi bogolo jang kwa dikoleng e a tshwenya ka e tseela bana isago.
Se se builwe ke motsamaisa mananeo a ba mokgatlho wa Captive Eye Organisation, Rre Percy Mothibi mo phuthegong kwa Palapye bosheng.
Mokgatlho o, o mo letsholong la go tsibosa ka bodiphatsa kwa tiriso ya ditagi, go anama ga mogare wa HIV le kgokgontsho ya bong.
Rre Mothibi a re bangwe ba baithuti ba felela ba tlogela dikole, fa bangwe ba dira tse di duleng mo tseleng kwa dikoleng, di tshwana le go lwantsha barutabana kana baithuti ba bangwe.
A re bangwe ba felela ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone ntateng ya ditagi.
Rre Mothibi a re mo nakong e e fetileng ditagi di ne di utlwalelwa kwa mafatsheng a sele, mme jaaanong di setse di le mo lefatsheng leno, e bile di setse di dirisiwa ke bana ba bannye kwa dikoleng tse dipotlana.
A re bangwe ba batsadi ba e kabong e le bone ba sireletsang bana ba setse ba fetogile babolai ba ba rekisetsang bana ditagi.
Rre Mothibi o tsweletse a supa fa bangwe ba batsadi ba ya kwa dikoleng ba itira ekare ba rekisa dimonamone mme ntswa ba rekisa ditagi fa bangwe ba roma bana ba bone go rekisetsa baithuti ba bangwe ditagi kwa dikoleng.
O supile fa bangwe ba setse ba dirile dikgwebo ka go rekisa ditagi, e bile ba setse ba na le mafelo a go kopanelwang teng go dirisiwa ditagi.
A re go supagetse fa ditagi di na le seabe mo go oketsegeng ga dipalo tsa mogare wa HIV le kgokgontsho ya bong.
Rre Mothibi a re tiriso ya diritibatsi e felela e tlhotlhora motho tse a nang le tsone, ka a felela a rekisa dithoto go reka diritibatsi, a tlatsa ka gore fa gongwe motho o utswa dilwana mo go ba a nnang le bone a di rekisa mme se se tsose kgotlhang.
O ne a ikuela mo Batswaneng go ema ka dinao go lwantsha tiriso ya ditagi e e jweleletseng mo lefatsheng leno.
Mongwe wa ba ba kileng ba dirisa diritibatsi, Rre Tumisang Ditlogile o ne a supa fa a ne a tsaya tsela e sele ya go dirisa ditagi, mme a felela a dirisa madi otlhe a a neng a a beile gore a itshetse ka one.
A re o ne a bula lefelo la fa go dirisiwang ditagi teng a kopantse le kgwebo ya gagwe ya bodiragatsi.
A re ditagi tse ba neng ba di dirisa e ne e le tse di bitswang CAT le madaena.
O ne a tshwantshanya tiriso ya ditagi le leso, a kaya fa motho a di dirisa go tshwana le a sa tshele.
A re bontsi jwa ba a neng a dirisa ditagi le bone, ba setse ba tlhokafetse fa bangwe ba le kwa dikokelong tsa balwala tlhaloganyo, ka jalo a kopa ba ba iseng ba tsene mo tirisong ya ditagi go sa dire jalo.
O ne a supa fa bontsi jwa ba ba gwebang ka tiriso ya ditagi e le batswakwa, mme bontsi jwa madi a ba a dirang ka ditagi tseo ba a isa kwa mafatsheng a bone.
Rre Ditlogile o ne a rotloetsa batsadi go ela tlhoko bana ba bone ka nako tsotlhe gore ba itse gore ba dira eng, le gone go ba tsenya dikereke ba santse ba le bannye gore ba itse molemo le bosula.
Kgosi Martha Lebang wa Palapye o ne a akgolela ba Captive Eye Organisation tiro e ba e dirang, a ba a ba kopa go laletsa bana ba dikole ka nako tsotlhe fa ba le mo loetong la go tsibosa setshaba ka tiriso ya ditagi.
O ne a supa fa mo dinakong tse dingwe tiriso ya ditagi e simolola kwa malwapeng, ka batsadi bangwe ba dirisa ditagi.
O ne a kopa batsadi go sireletsa bana kgatlhanong le tiriso ya ditagi.
Mogokaganyi wa ditirelo tsa HIV/AIDS mo kgaolong ya Palapye, Rre Thuso Ernest o ne a ikuela mo batsading go emela bana ba bone ka dinao go ba fa tlhokomelo le go ela tlhoko gore ba dira eng ka nako tsotlhe gore ba seka ba tswa mo tseleng.
O ne a rotloetsa setshaba go ikatametsa ba ba sidilang maikutlo fa ba ikutlwa ba sa nna sentle mo moweng gore ba bone dithuso tse di maleba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 13 Aug 2023