Sekhi cluster e abelwa motlakase
10 Aug 2023
Baikopanyi ba masimo a Sekhi kwa Malwelwe ba roletswe mafaratlhatlha a motlakase a ba a tsenyeditsweng ke puso kwa masimong ao ka Laboraro.
E rile a ba rolela motlakase oo, mogolwane wa Botswana Power Corporation, Rre Kgotla Rapitsenyane a boletse fa lephata la Temo-thuo le tsile kwa go bone go kopa gore ba masimo ao le a metse ya Kgoro, Leshibitse, Mookane, Matlopi le Masunga ba tsenyediwe mafaratlhatlha a motlakase.
Rre Rapitsenyane o tlhalositse fa ba ne ba kopilwe go dira jalo ka nako, mme ka lesego ba tshwara nako e ba neng ba e beetswe.
O ne a kopa beng ba masimo ao go ikopela go gokelelwa motlakase, mme a ba gakolola go tla ka moriti wa setlankana sa masimo le wa Omang. Ba tlaa fetolwa mo malatsing a matlhano.
O kopile banni ba Malwelwe go re ba seka ba senya mafaratlhatlha a bone ka seo se ka ba busetsa kwa morago.
Tona wa Temo-thuo, Rre Fidelis Molao o ne a supa fa puso e thusa balemi go ntsha dijo tse di lekanyeng. O tlhaloseditse balemi bao gore jaaka puso e ba terateletse masimo, ya bo ya ba remela ditlhare le gone go ntsha disana le go ba tsenyetsa motlakase, e solofela gore ba oketse temo e ba ntseng ba e lema le gone go hirisetsa balemi ba bangwe masimo gore go tle go nne le dijo.
Tona Molao o supile fa motse wa Malwelwe o le monnye, mme fa go ntse go nna le ditlhabololo batho ba felela ba kgatlhegela go nna teng.
Tona o tlhalositse gape fa e le bone ba ntlha go ngoka mogwebi go hirisa masimo a bone, a supa fa mogwebi yoo a hirisitse ditema di le 200 mo dingwageng tse di lesome le botlhano, mme tse tsotlhe di dirilwe ka mokwalo.
Tona o supile fa go bonala gore go ne go ntse go na le tirisano mmogo mo baleming bao, mme a tlhalosa fa matshelo a bone a tlaa fetoga, bogolo jang ka ‘leina le lentle le itirelwa.’
Tona Molao o tlhalositse fa paka e letsema le lesha le le gaufi, a supa fa ba solofela fa dipalo tsa temo le thobo di tlaa oketsega mo pakeng e e tlang. A re ba eletsa gore e re ka 2036, itsholelo ya lefatshe leno e bo e phophoma, le Batswana ba bo ba itekanetse ba aja dijo tse ba di itemetseng.
Modulasetilo wa Sekhi Cluster, Mme Barati Phaladi o supile fa ba ikopantse e le balemi ka 2010, gape a tlhalosa fa go ne go se bonolo mo borre ba neng ba ikgogela morago mme ga sala bomme ba le bane mo tirong eo. Mme Phaladi o tlhalositse fa puso e ne ya ba teratelela masimo ka lenananeo la ISPAAD ka 2014.
Mme Phaladi a re masimo ao otlhe a na le ditema di le 1 890, a supa fa ba dirile ditumalano tsa gore ba hirise, a bo a tlhalosa fa maloko a bone a le masome a mabedi le bobedi.
Mogakolodi wa ISPAAD, Rre Kwenantle Gaseitsewe o rotloeditse balemi go hirisa masimo a bone ka jaana ba ka seke ba kgone go a lema otlhe.
Fa a amogela baeng, Kgosi Bokau Tobe o ne a kopa balemi bao go emela mpho e ba e filweng ya motlakase kwa masimo ka dinao. O ba kopile go tlhamela banana ditiro ka jaana go sena ditiro kwa Malwelwe, a bo a supa fa ba sena kitso ka go hirisa masimo mme ba kopa thuto.
Mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe Rre Liakat Kablay o ne a supa fa temo e le botshelo jwa Motswana.
O tlhalositse fa lehuma le ba apesitse kobo ka letshoba, mme a kopa balemi ba Malwelwe gore ba seka ba rekisa masimo le fa go ka nna jang.
O kopile balemi ba Sekhi go tlhokomela terata ya bone gore e seka ya senngwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MALWELWE
Event : Tshimolodiso ya Mafaratlhatlha a Motlakase
Date : 10 Aug 2023