Kgokgontsho e senya ditlamelo tsa puso
10 Aug 2023
Kgosi Malepa Orekeng wa Ntlhantlhe o tshwenyegile ka koketsego ya tiriso ya ditagi mo motseng wa gagwe, a supa fa e baka kgokgontsho, bogolo jang ya bomme le basetsana.
Fa a bua ka Laboraro kwa Ntlhantlhe mo phuthegong ya letsholo le le buloditsweng ke ba lephata la bosekisi, Kgosi o supile fa dipalo tsa kgokgontsho ya bong di golela pele bosigo le motshegare.
“Kgokgontsho e direga malatsi otlhe, gongwe le gongwe; mo malwapeng, kwa ditirong le fa gare ga batho tota.”
Kgosi Orekeng a re fa e sale dikgang tsa kgokgontsho di ntshiwa mo bogosing di isiwa kwa lephateng la bosekisi, di tsaya lobaka mo di felelang di sa nne le boleng; selo se a reng se dira gore melato ya go nna jaana e golele pele.
O kopile ba bosekisi go tsibogela dikgang tsa kgokgntsho ka gore manokonoko a teng a babalela malwapa gammogo le puso.
Fa a bua kwa phuthegong eo, Mmueledi wa puso kwa lephateng la bosekisi, Mme Danielle Senabe o supile fa maikaelelo magolo a letsholo leo e ne e le go tsibosa Batswana le go ba ruta ka kgokgontsho le di-tla morago tsa yone.
O ne a tswelela ka go bolela fa letsholo leo gape le ne le ikaelela go rotloetsa phetolo boitsholo jwa setshaba e seng ya bakgokgontshi fela.
“Letsholo le le tlaa kgothatsa setshaba go ikuela le go tsweledisa dikgang tsa kgokgontsho go fitlhelela di fela,”o ne a bua jaana.
O boletse fa kgokgontsho e le mefuta mentsi mme e akaretsa tshosetso botshelo, dititeo, petelelo, tlhakanelo dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borobabobedi le go phoraphora yo mongwe ka dikgoka o batla tlhakanelo dikobo.
Fa a ama kgokgontsho ya tlhaloganyo le maikutlo a re ke tsela e ka yone motho a lekang go laola yo mongwe ka go utlwisa maikutlo a gagwe botlhoko.
O boletse fa se se ka diga seriti sa yo o amegileng mme a felele a tshabelelwa ke malwetse ka ntlha ya kutlobotlhoko e.
Mme Senabe o kgadile a sa boele morago mokgwa wa baratani wa go busetsa boikuelo kwa morago dikgang di ise di fediwe ,a supa fa se se senya ditlamelo tsa puso.
A re go tlhoka go nna teng ga basupi le go tlhoka go bua nnete ga baikuedi ke lengwe ya mathata a lephata la gagwe le a itemogetseng.
Go ya ka Mme Senabe, go botoka go thibela kgokgontsho go na le go aramela di-tla morago tsa yone, ka jalo o gwetlhile setshaba go tsaya maikarabelo a a feletseng go lwantsha kgokgontsho.
O sedimositse fa setshaba se na le maikarabelo a go fedisa kgokgontsho ya bong ka go nna kgatlhanong le go gatakwa ka dinao ga bomme, go rotloetsa batho go bua fa ba na le mathata, go itsese mapodisi kgotsa makgotla a mangwe a dithuso ka ditiragalo tsa kgokgontsho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : NTLHANTLHE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 10 Aug 2023