Breaking News

Mme thari ya setshaba - Mma Matshego

08 Aug 2023

 Mma Matshego,  mohumagadi wa kgosi ya bakgatla-ba-ga-kgafela o  rotloeditse bomme go itlhokomela le go itsaya tsia ka mme e le motho yo o lorato e bile go solofelwa fa a ka fetisetsa lorato loo mo go ba a tshelang le bone.
Mohumagadi o buile mafoko a kwa moletlong wa mogodungwana o o neng e rulagantswe ke mokgatlho wa Joy Foundation maikaelelo e le go tlhola le bomme, bogolo jang bagodi ba rutana le go arogana maele ka tse di amang motho wa mme.
Fa a Bua, mohumagadi Mma Matshego o tshwantshitse lorato lwa motho wa mme le kgamelo e e reng e tletse e tshologe.
“Bomme ke bone ba tshwereng lorato.
Ke dikgamelo tse di tshelang lorato mo malapeng,” a kaya jalo.
O ne a tshwantshanya bomme le ditshingwana tsa dithunya tse e reng fa di fiwa lorato di tlhokomelwa di nne dintle thata, ka jalo o gwetlhile bomme go beela tsotlhe tse di sa ageng kwa thoko mme ba ithate pele, pele ga ba ka rata mongwe ka bone go ka arogana lorato.
“Bomme ke bone ba tlhokomelang setshaba, ka jalo, a re ithuteng go itshwarelana, re lese lefufa le go tlhowa mo go feteletseng, mme re bue dilo tse di re agang,” a tshwaela jalo.
Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, mookamedi wa lekgotla la Joy Foundation, Mme Joy Setshedi o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go godisa bomme mo dilong tse di farologanyeng go simolola ka tsa itshetso go tsena mo go itireleng mekgatlho e ba ka itirelang matshelo ka yone.
A re o bone go tshwanela gore a thuse bomme go dira mekgatlho ya metshelo gore ba kgone go ipoloka le go simolodisa dikgwebo tse di potlana.
Mme Kgomotso Nong wa mokgatlho wa Thusang Basadi o o remeletseng mo go tlhatloseng dikgwebo tsa bomme tse dipotlana ka go ba adima madi, o rotloeditse bomme go inaakanya le mekgatlho e e ka ba thusang go tlhabolola matshelo a bone.
O ne gape a ba gwetlha go ikamanya le mokgatlho wa bone go simolodisa dikgwebo tse dipotlana le go ipeela madi.
Mongwe wa batsena moletlo oo, Mme Pelonomi Modukanele o lebogile mokgatlho wa Joy Foundation ka dithuto tsa letsatsi, a supa fa mo isagong mananeo ao a tlaa ba ungwela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOKATSE

Event : moletlo wa mogodungwana

Date : 08 Aug 2023