Breaking News

Temo ya dinamune e ka tsosolosa itsholelo

08 Aug 2023

Go tlhoafalela temo ya maungo a tshwana le namune ke nngwe ya ditsela tse di ka tsosolosang itsholelo ya kgaolo ya SPEDU, bogolo jang morago ga gore puso e tswale melelwane.

Le fa go ntse jalo go mo maruding a balemi ba mo gae go netefatsa gore ba ntsha maungo a boleng jo bo eletsegang.

Se se builwe ke mongwe wa balemi ba ba botlana ba ba inaakantseng le temo ya dinamune gaufi le Mmadinare, a e tswakantse le temo ya merogo, Rre Bampoloki Rantsudu.

Temo ya maungo a tshwana le dinamune mo kgaolong ya SPEDU ke nngwe ya tse di rotloediwang fela thata go thusa lefatshe leno go fokotsa bokete jwa go reka maungo le merogo kwa ntle.

Le fa a sale a simolotse temo e dingwaga tse some tse di fetileng, a re go nna teng ga tshimo e tona ya dinamune gaufi le toropo ya Selebi Phikwe go mo gwetlhile gore a dire ka tlhoafalo go ntsha dikgetsi tse dintsi tsa maungo a tlhwatlhwa.

Mo potsolotsong Rre Rantsudu o tlhalositse fa a nnile le kgatlhego ya temo ka nako e a neng a santse a le mo tirong le ntswa tiro e a neng a e bereka e ne e sa amane le ya go lema, mme lerato la temo  la aga mo pelong  ya gagwe.

Ka Motswana a rile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, ka 2010 Rre Rantsudu a tshwaragane le mohumagadi wa gagwe yo le ene a nang le lerato le le kwa godimo mo temong, ba simolola temo e mo bogompienong ba ipelafatsang ka ditlhare di le masome a supa tsa dinamune tsa letsopa la Valencia.

“Valencia ke namune e e monate fela thata, ga e tshabelelwe ke malwetse e bile e bogadi bo gaufi, ka jalo ke rotloetsa Batswana, bogolo jang bomme go inaakanya le temo ya dinamune ka gore ga di batle tiro e ntsi.”

Molemi yoo, yo mo nakong ya gompieno a simolotseng go roba, o tlhalositse fa a setse a rekisitse dikgetsi di feta lekgolo mme a santse a tsweletse ka go roba.

O tlhalosa fa setlhare se le sengwe se lekane go mo fa dikgetsi di le masome mabedi.

Namune fela jaaka maungo a mangwe ke leungo le le rategang ka jalo dinamune ga di ke di tlhoka mmaraka.

O tlhalosa fa a rekisetsa mabentlele le batho ka bongwe ka bongwe.

A re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, kgwebo ya gagwe e na le dikgwetho, a tlhalosa fa ditlhare tsa dinamune di tshwenngwa thata ke monang o o dirang bolwetse jo bo ka felelang bo di bolaile fa di sa tipiwe.

Rre Rantsudu a re se se itumedisang e bile se ba tiisa moko ke ka fa ba tshwaraganeng ka teng le molemisi wa bone yo o ba fang dikgakololo ka fa ba tshwanetseng go tlhokomela ditlhare tse ka teng.

O tlhalositse fa ba tshwaragane le ba Selebi Phikwe Citrus ba le bone e leng balemi ba batona ba dinamune go tsaya malebela mo go bone.

A re go dira jalo go tlaa kgontsha gore kgwebo ya bone e gole.

Fela jaaka merogo le menontshane, lefatshe leno le tswa goo-Lowe le ikaegile ka mafatshe a mangwe go reka dipeo, ka jalo Rre Rantsudu a re ba ntse ba reka ditlhare tsa dinamune kwa lefatsheng la Afrika Borwa mme go ne go se motlhofo go di bona mme e bile go le turu gore di goroge mo lefatsheng.

A re se se nametsang pelo ke gore e ne ya re mo bogaufing molemisi wa bone a ba direla thuto-puisanyo e ba neng ba rutwa ka temo ya dinamune.

A re moo go ya go ba solegela molemo ka ba tsile go simolola go itirela dipeo mme e re morago ba bo ba ka rekisetsa balemi ba bangwe.

A re se ka bosone se ka tsosolosa itsholelo ya lefatshe le go godisa temo ya dinamune mo lefatsheng.

Le fa COVID-19 e ne ya tlogela Batswana ka manokonoko, Rre Rantsudu a re e ne ya dira gore Batswana ba itshekatsheke le go lemoga fa ba tshwanetse go itemela dijo gore ba kgone go ijesa e seng go ikaega ka mafatshe a mangwe.

A re e ne ya re morago ga seo dikgoro tsa melelwane di sena go tswalwa Batswana ba le bantsi ba inaakanya le temo mme mo nakong ya gompieno go jewa maungo le merogo e e lengwang ke Botswana.

Rantsudu a re le kwa ntleng ga go lema fela Batswana ba ne ba simolola go tlhaloganya fa maungo a le botlhokwa mo botsogong jwa bone ka ba simolotse go a ja ka bontsi.

E re ka dinamune di na le nako ya tsone ya thekiso, Rantsudu le ba lelwapa la gagwe ga ba a inaakanya fela le temo ya dinamune mme ba tswakantse temo ya bone ka go lema merogo, ditamati, le ditapole tse le tsone go supang fa di dira sentle thata le go rua dikgomo le dipudi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : potsolotso

Date : 08 Aug 2023