Breaking News

Kgafela o abela bagodi ba kgaolo ya Boseja

07 Aug 2023

Mpho ya dikobo ke tsela nngwe ya go thusa batsadi ka tsela epe fela e motho a ka e kgonang le go thiba fa go nang le letlhoko teng.

Mpho ya dikobo e botlhokwa ka e namola ba ba abelwang mo serameng.

Mopalamente wa Mochudi Bophirima Rre Mmusi Kgafela o buile jaana a abela bagodi ba kgaolwana ya Boseja dikobo di le lesome le botlhano ka Matlhatso kwa kgotleng ya  Boseja Legare Fa a rola mpho eo, Mopalamente o ne a re mpho e tla jaana morago ga gore mokhanselara wa kgaolo ebong Rre Molejane Maje a kope thuso ka jaana bagodi ba kgaolo eo ba aparetswe ke lehuma.

A re o ne a kopa thuso mo bagwebing mme ka go twe sejo sennye ga se fete molomo, a kgaoganya dikgaolwana di akaretsa le tsa gagwe le tse dingwe ka go farologana dikobo tseo Mopalamente o ne a lekodisa morafe diphetogo tse di bakilweng ke go kgaogana ga melolwane ya dikgaolo tsa sepolotiki tse di bakileng gore go nne le kgaolwana ya boraro mo Kgatleng.

Mopalamente Kgafela o ne a ngathogana le morafe ka tshwetso le melao mengwe e e fetisitsweng ke palamente e tshwana le molao wa go ratana ga batho ba bong bo le bongwe o ka nako e palamente e o  seegetseng kwa thoko.

Fa a tswa la gagwe Mokhanselara Maje o ne a tlhalosa fa kgaolo ya gagwe e aparetswe ke lehuma, bogolo jang mo bagoding, ba-na-le bogole le banana. O supile gape fa letlhoko la ditiro le ile magoletsa mme ke ka moo a kopileng mopalamente gore fa a tsamaya a kopa dithuso a gopole kgaolwanaa ya gagwe.  Kgosi Joel Kgamanyane o ne a lebogela mpho le tekodiso ya mopalamente le ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong. BOKHUTLO

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOCHUDI

Event : Kabo dimpho

Date : 07 Aug 2023