' A Molao wa itshidilo mmele o dirwe '
07 Aug 2023
Go nna le molao wa itshidilo mmele go ka tlama setshaba go itshidila.
Go dira jalo go ka thusa mo dilong di le mmalwa jaaka go fokotsa go tsenwa ke malwetse a a sa tshelanweng.
Go itshidila mmele go solegela puso molemo ka go fokotsa madi a a dirisiwang go reka melemo.
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba Rre Mabuse Pule o buile jaana ka Tshipi mo mogwantong kgatlhanong le kgonkgontsho ya bong go tswa kwa Mabalane go ya go tsena kwa Malolwane.
A re itshidilo mmele e ka dirisiwa go gasa melaetsa e tshwana le ya megwanto kgatlhanong le kgokgontsho kgotsa sepe fela se se amang setshaba.
Rre Pule a re go dira jalo go na le mosola mo botsogong jwa motho ka e bile gape go thusa go ritibatsa maikutlo a a kukegileng mme motho a kgone go nna le maikutlo le dikakanyo tse di e dileng.
Mopalamente o ne a re go iketla mo moweng go hema dilo tse dintsi di akaretsa le yone kgokgontsho tota ka a re mo mabakeng a mantsi kgokgontsho e tsalwa ke chakgalo kgotsa maikutlo a a tobekaneng.
Molaodi Mme Semakaleng Palai a re kgokgontsho le tiriso bana botlhaswa di ile magoletsa, bogolo jang mo metseng ya dinokeng.
A re fa e sale ngwaga o o simologa, go setse go gatisitswe dikgang tsa tiriso bana botlhaswa di le masome mabedi mo metseng ya dinokeng.
Mme Palai a re ba tshwenngwa gape ke dikgang tsa kgokgontsho mo manyalong le borre ba ba ikgatholositseng bana.
Monana yo o rulagantseng mogwanto oo, Rre Thuso Sename a re maikaelelo a mogwanto oo e ne e le go leka go tsibosa banana ka kgokgontsho e e ileng magoletsa le go ba gwetlha go ema kgatlhanong le yone e ise e kekele ka e le bone botshosoerweleng mo dikgannyeng tseo.
O ne a ikopanya le bogogi jwa kgaolo gore ba tsee karolo go nna sekai mo baneng gore ba seka ba golela mo kgokgontshong.
Le fa go ntse jalo, Rre Sename o amogetse gore banana ga ba a tla ka dipalo tse dinametsang.
A re le fa go ntse jalo selo seo ga se kake sa mo kgoba marapo.
O rotloeditse banana ba metse ya dinokeng go leka go fokotsa kgokgontsho.
A re ntswa ba ka seke ba e fedise, fela ba ka e fokotsa.
MALOLWANE - Go nna le molao wa itshidilo mmele go ka tlama setshaba go itshidila.

A re ntswa ba ka seke ba e fedise, fela ba ka e fokotsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MALOLWANE
Event : Mogwanto
Date : 07 Aug 2023