Moithuti o bolailwe ke koloi
07 Aug 2023
Mapodisi a Jwaneng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone moithuti wa sekole se segolwane sa Morama kwa Jwaneng a tlhokafetseng morago ga go thulwa ke koloi gaufi le
Jwaneng Technical College ka Labone. Moithuti yoo o tlholega kwa kgotleng ya Kagiso kwa Sese.
Mo potsolotsong le BOPA, motshwarelela mookamela mapodisi a Jwaneng, Assistant Superintendent Thabologo Bojosi o tlhalositse fa ditlhotlhomiso di supa fa mosimane yoo, wa dingwaga tse di lesome le bone, a ne a thulwa ke teraka ya mogobagoba e e neng e tswa Namibia mo tseleng ya Trans Kalahari fa a ne a leka go sia a lelekilwe ke mathinthinyane.
“Tiragalo eo e diragetse mo tshokologong sekole se sena go tswa, go utlwala ngwana yoo a ne a lelekilwe ke kolobe ya naga mme teraka eo, e e neng e tswa kwa bophirima tsatsi ya mo thula a leka go sia.
Ka go tlhoka lesego go fitlhetswe a tlhokafetse fa a goroga kwa kokelong ya Jwaneng Mine,” a tlhalosa jalo.
O tsweletse a tlhalosa fa mokgweetsi wa teraka, yo o tlholegang kwa Namibia, a ne a tshegediwa ke mapodisi mme a gololwa letsatsi le le latelang.
Le fa go ntse jalo, a re rre yoo o tsweletse ka go ba thusa ka ditlhotlhomiso.
Rre Bojosi o kopile bakgweetsi go nna kelotlhoko le go fokotsa lebelo, bogolo jang fa ba kgweetsa fa gare ga metse, e le tsela ya go ipaakanyetsa diemo tsa tshoganetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 07 Aug 2023