Mopalamente o abela metse ditilo
07 Aug 2023
Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe o abetse metse ya Phuduhudu le Masope ditilo di le lesome mongwe le mongwe.
Fa a rola ditilo ka Matlhatso, mopalamente o supile fa thulaganyo eo a e simolotse morago ga go buisa phuthego kwa Mosime, go sena le fa e le setilo se le sengwefela mme a tsaya tshwetso ya go batlela motse oo ditilo, ya re kwa morago a lemoga fa letlhoko le ama metse yotlhe e e lesome ya kgaolo ya gagwe e akaretsa Phuduhudu, Kolojane, Maseru, Mosime, Masope, Magakabe le Kgare/Sebotswane mme o setse a abetse e le merataro.
A re go botlhokwa gore fa go na le diphuthego go nne se banni ba ka se nnang.
Rre Leuwe o kopile banni go tlhokomela dimpho tseo go sena ope yo o akanyang gore di raya ene ka di tshwanetse tsa dirisiwa ke morafe mme di le mo tlhokomelong ya komiti ya ditlhabololo tsa motse.
“Ke kopa gore ditilo tse le di somarele e bile le di tlhokomele gore di kgone go thusa morafe,” Rre Leuwe a kopa.
Mopalamente o ne gape a abela banni ba Phuduhudu le Masope menate ka go farologana go na le dilekere le dinoodles, a re sejo sennye ga se fete molomo mme nako e e tlang ba tlaa oketsa mo go teng.
O kopile banni go tsenelela diphuthegong, go amogana diphetogo tse di dirwang di tla ka palamente le khansele le mananeo a puso ka go farologana.
Fa ba amogela dimpho, banni ba motse, Rre Phetogo Masimolole le Rre Boemo Matlhodi ba supile fa ba di itumelela ka di tlaa thusa morafe.
Ba re tlhabologo e botlhokwa mme ba dumela gore seo ke tshimologo ya tse di molemo go ya pele.
Rre Thuso Matlhodi le ene o lebogile mopalamente, a supa fa dimpho e le tsa bone botlhe.
O lebogile puso go ba thusa go agelela masimo mme se se neng sa salela morago ya nna metsi le motlakase.
A re kgaolo ya Phuduhudu e ikaegile ka temo mme monongwaga seemo sa loapi se ne se sa ba ema sentle, ka jalo ga ba a ntsha thobo e e nametsang.
Rre Matlhodi a re ba kopa gore Ipelegeng e ba thuse go dira dikganedi tsa molelo go tila ditshenyegelo tse di ka bakwang ke molelo.
Kwa Masope, Kgosi Onyaditse Ramota o gakolotse mopalamente ka kopo ya bone ya go dirwa kgotlana ya Maboane ka motse wa bone o godile.
A re e re ka Setswana se re, moseka phofu ya gagabo ga a swe lentswe, ga ba ise ba itlhoboge ka keletso eo, bogolo jang ka dipalo tsa masimo a a dikologileng Masope di le kwa godimo e bile di tsamaya kwa go 506.
Kgosi Ramota a re palo ya batho ba Masope ke 203 le fa bangwe ba seyo ba ile go ipatlela botshelo, fa kwa Magagarape bone ba le 166, seo se supa fa ba tlhokana le go dirwa kgotlana gore ba kgone go thusa morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Aug 2023