Lefatshe la Kgalagadi le kgothegile
07 Aug 2023
Kgaolo ya Kgalagadi ke yone e di gogang kwa pele mo go kgothegeng ga lefatshe fa e tshwantshanngwa le dikgaolo tse dingwe ka bophara jwa 44 000km2.
Se se tlhalositswe ke mogolwane go tswa kwa Food and Agriculture Organisation (FAO), Professor Joyce Lepetu, a supa fa kgaolo ya Kgalagadi e le sekaka le gore dipula di na ka boutsana e bile banni ba remeletse thata mo thuong ya dihutshane le dikgomo, selo se se felelang se baka kgothego ya lefatshe fa go sa elwe tlhoko.
Prof. Lepetu yo gape e leng motlhatlhelela dithuto kwa BUAN o tllhalositse fa kgothego ya lefatshe e tshwanetse go tshwaraganelwa ke ba-tsaya karolo botlhe, go tswa ka ditsela le megopolo go busetsa seemo mo taolong.
O tlhalositse se jaaka ba ne ba etetse kwa Tsabong bosheng, ba le mo letsholong la go tsamaya le dikgaolo go tsibosa ba-tsaya karolo go fetola dikakanyo le megopolo ka fa ba dirisang lefatshe ka teng ka kgothego ya lone e na le di-tla morago tse di akaretsang go nyelela ga dimela, ditlhatsana, di tswa mmung le tse dingwe mme di tshwanelwa ke go somarelwa gore dikokomane tse di tlang di di fitlhele.
A re kgothego ya lefatshe go le gantsi e bakwa ke dilo tse di farologaneng di akaretsa go baya leruo golo go le gongwe ka seo se felela se babalela phulo, melelo ya naga, phetogo ya loapi, go rwalela dikgong ka bontsi, kepo ya metlhaba go sena kelelelo le tse dingwe.
Prof. Lepetu a re dingwe tse di dirwang go tila tiragalo eo ke go tswa ka ditselana tsa go fokotsa leruo, go emisa go nosetsa leruo mo lefelong le le lengwe, phatlalatso ya metsi a leruo, go thibela melelo ya naga, go lema ditlhare.
O boletse gape fa go na le setlhare sa Sexanana se se anameng le Kgalagadi, a supa fa se tshwenya ka fa se duleng teng se kgadisa metsi fa se le gaufi le didiba le gore se na le seabe mo kgotegong ya lefatshe ka se ipatla se le sone fela.
Ba BORAVAST Trust ba ne ba tswa ka mogopolo wa go se nyeletsa mme ba dira magala ka sone ba tshusiwa ke ba UNDP, e e tsweletseng le mo nakong ya gompieno.
Rre Lesika Basalumi go tswa FAO o ne a tlhalosa fa lefatshe ka bophara le dikgaolo ka go farologana, di tshwenyegile ka kgothego ya lefatshe ka e fokotsa selekanyo sa dijo ka mmu o felela o tlhoka menontshane go ntsha thobo e e eletsegang.
O supa fa Botswana e le leloko la mokgatlho wa ditshaba o o ikemisedisteng go dira gotlhe go lwantsha kgothego ya lefatshe.
Rre Basalumi o boletse fa kgothego ya lefatshe e felela e baka leuba kgapetsakgapetsa, a supa fa mo ngwageng ono puso e rurifaditse fa 2022/2023 e le ngwaga wa leuba mo Botswana, a re fa go ntse jalo lehuma le felela le nna teng ka batho ba felela ba tlhoka tse ba tshelang ka tsone tse di bapalwang mo nageng.
Rre Basalumi o boletse fa go le botlhokwa gore setshaba se rutwe ka kgothego ya lefatshe ka ba ka tswa ka megopolo ya go busetsa seemo kana go somarela lefatshe fa le senyegang teng.
O boletse fa dingwe tse FAO e di dirang e le go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng jaaka ba setse ba dirile moalo o ka one ba kgonang go lemotsha ba-na-le seabe ka kgotehgo ya lefatshe mo dikgaolong tse di farologanyeng, go tsenya maduo a ditshekatsheko mo maranyaneng, go rutuntsha maphata, mme morago ba phuthe megopolo yotlhe mo dikgaolong ba bo ba tlhotlha e e siametseng go ka dirisiwa.
Ba-tsaya karolo ba ne ba ntsha megopolo ya go ruta barui go fokotsa dipalo tsa loruo go itsa gore le nne le kgotlhagane, go phatlalatsa metsi kwa dipolasing le meraka, go aba lefatshe ka kelotlhoko go itsa kgotlhang ya batho le diphologolo, go bapala dimela le ditlhatshana ka kelotlhoko, go tsibosa setshaba go somarela naga le tse dingwe ba lebeletse kgaolo ya Kgalagadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : LETLHAKENG
Event : TSABONG
Date : 07 Aug 2023