Breaking News

Dikoloti o thusa kereke go kokoanya madi

07 Aug 2023

Go ipelela thobo ke go isa malebo kwa Modimong ka tsotlhe tse di molemo tse a di diretseng batho.

Ka jalo go botlhokwa gore batho ba itlwaetse go leboga ka go bulela masego le tsotlhe tse di molemo mo matshelong a bone.

Tona wa botsogo Dr Edwin Dikoloti o buile jaana ka Tshipi kwa kerekeng ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion kwa Mmathethe fa kereke eo e ne e ipelela thobo.

A re ntle le go lebogela Modimo go bo a ba file thobo e e nametsang mo letsemeng le balemi ba le wetsang jaaka ba tsweletse ka go roba masimo, go maleba gore badumedi ba lebogele dintlenyane tsotlhe tsa botshelo tse ba segofaditsweng ka tsone.

Dr Dikoloti o ne a abela kereke eo P8 000 go tlatsa maiteko a yone a go kokoanya madi.

Mookamedi wa setlhopha sa diphuthego se se akaretsang ya Kanye, Lobatse, Gasita, Pitsane Photlokwe le Mmathethe, Rev. Gabathae Maswabi o tlhalositse fa ka tlholego kereke ya Head Mountain e sa ipelele thobo mme ba ne ba o simolodisa ka 2020 e le mogopolo wa ba lapa la gagwe wa go ipelela thobo e ntle ya ngwaga oo le baphuthegi ka bone.

Moruti Maswabi a re morago ga go abela phuthego ya Kanye kgetsi ya mabele mo ngwageng oo, ba ne ba jwala mogopolo oo le setlhopha sa dikereke tse a di okametseng mme seo ya nna tshimologo ya go anama ga go ipelela thobo mo diphuthegong tse tlhano tseo.

Mma Moruti Maswabi Mme Keabona Maswabi o ne a tlhalosa mo potsolotsong fa diphuthego tse tlhano tse ba di okametseng di atlile mogopolo oo mme e bile go se epe ya tsone e e batlang go salela kwa morago.

A re e re ka jaana go setse go bonetse fa mogopolo oo o ka thusa diphuthego go kokoanya madi go dira ditiro tse di farologanyeng tsa go itlhabolola, go botlhokwa gore kereke ya Head Mountain ka bophara e ithute mo go bone.

Mme Maswabi a re mo godimo ga go phutha madi mo malokong e le bontlha bongwe jwa tiro e, ba amogela le yone thobo ka sebele, mme a supa fa thobo e e phuthilweng e abelanwa gone mo kerekeng, seo e  le go diragatsa mantswe a a mo Baebeleng a gore go phuthwe thobo gore go tle go nne le dijo mo ntlong ya Modimo.

A re moletlo wa ipelelo thobo gape ke tsela nngwe ya go jwala le go godisa mowa wa go ikaega ka temo mo baphutheging.

Kwa bokhutlong jwa tiro eo madi otlhe a a phuthilweng a ne a nna P15 500.

Mo setlhopheng seo sa diphuthego tse tlhano tse Reverend Maswabi a di okametseng, Mmathethe e ne e le phuthego ya bone go tshegetsa moletlo wa thobo e tlatsa Kanye, Lobatse le Gasita, fa phuthego ya Pitsane Photlokwe yone e ise e ipelele thobo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : KANYE

Event : Moletlo wa go kokoanya madi

Date : 07 Aug 2023