Breaking News

Tsamaiso ya ditlhopho ga e ise e fetoge

06 Aug 2023

Khansele ya Mahalapye e lekodisitswe ka kgaoganyo ya melelwane ya bokhanselara gammogo le ikwadisetso ditlhopho e e tlang.

Mokwaledi wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho (IEC), Rre Jefferson Siamisang o tlhalositse fa tiro ya go kgaoganya melelwane ya botlhophi ya bokhanselara e wetse.

A re fa tiro e simologa, dikgaolwana di ne di le 28, mme ba kgonne go bona tse di tlatsang tseo go dira 34, mo go rayang gore makhanselara ba ba tlaa bong ba phadisana ba tlaa bo ba le 34.

Rre Siamisang o supile fa go se motlhofo go kgotsofatsa dikeletso tsa sepolotiki, ka gore di nna di fapaana fela, a tlatsa ka go re melelwane ya sepolotiki fa e segilwe e nna ngwaga tse di lesome, ke gone e ka fetogang fa go tlhokafala.

A re pele ga go ipaakanyediwa ditlhopho setshaba se tlaa itsesiwe gore dikgaolwana di kgaogantswe jang di tsamaya jang.

O boletse fa ditiro tsa bone e le IEC di neelana, ba feditse ka melelwane jaanong go tsena tiro ya ikwadisetso ditlhopho ya botlhe.

Rre Siamisang a re ikwadisetso ditlhopho tsa 2024 e tlaa simolola Phalane a tlhola gane, e ya go ema kgwedi eo e le masome mararo le bongwe.

O tlhalositse fa tse di tlhokegang go ikwadisetsa ditlhopho di sa fetoga, e leng karata ya Omang e e mo tirisong, motho a na le dingwaga di le lesome le boferabobedi kgotsa go feta.

O ne a kopa makhanselara le bagogi gore ba thuse go gakolola batho gore ba ikwadisetse ditlhopho kwa go tshwanetseng.

Rre Siamisang o ne a re mo tsamaisong ya ditlhopho, molao ke one konokono, ga go dirisiwe maikutlo.

A re le fa o sa kgotsofalele sengwe, o tlamega gore o diragatse molao jaaka o ntse go fitlhelela o fetoga.

Fa a araba kopo ya makhanselara ya gore maduo a tswele kwa matlhophelong, o buile fa molao e le one o reng go tsamaisiwe jaaka ba dira.

Tsamaiso ya ditlhopho ga e a fetoga, go tlaa nna le ikwadisetso ditlhopho ya tlaleletso morago ga malatsi a le masome mane le bobedi mokwaledi a sena go rurifatsa maina a batlhophi.

Pharologanyo e e leng teng ngwaga ono ke gore banana ga ba sa thapiwa go dira tiro ya go kwadisa ba le nosi, ba tlaa bo ba patagantswe le badirelapuso ga mmogo le ba ba tlogetseng tiro ka bogodi go fema diemo tse ba nnileng le tsone tsa dikgoberego ka 2018/19. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : POTSOLOTSO

Date : 06 Aug 2023