Breaking News

Bomme ba kgothadiwa go tsaya kgato

06 Aug 2023

Bomme ba kereke ya Assemblies of God kwa Lerala ba kgothaditswe go tsaya kgato go fetola seemo sa matshelo a bone.

Se se builwe ke moeteledipele wa barweetsana wa kereke ya Assemblies Botswana, Mme Seanokeng Ramogaladi kwa thuto puisanyong ya bomme kwa Lerala ka Labotlhano.

Mme Ramogaladi o gakolotse bomme gore go batla motho ka esi a tsaya kgato, gore o batla go tswa mo seemong se a mo go sone jang.

A re kgang kgolo ke go ikitse, gore o mang ka gore fa o sa ikitse batho ba tlaa go bitsa ka maina a lesotlo kana lekgobo, ba lebile botshelo jwa gago.

A re bomme ke batho ba ba nang le maatla le nonofo ya go ka itirela ka diatla go tlamela malapa a bone.

Mme Ramogaladi a re motho mongwe le mongwe o na le botlhale le lobaka lo Modimo a lo mmeetseng.

A re bomme ke bone ba ba amegang mo dilong di le dintsi tse di amang maikutlo jaaka kgokgontsho ya bong.

Mme Ramogaladi o tlhalositse fa dithuto tse di tlaa fa bomme dikitso tse di ka fetolang ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng mme ba diragatsa moona wa A re Chencheng.

A re go tlhoka gore ba eme ka dinao ba dirise dineo tse ba di filweng, ba diragatse ditiro tsa bone go fetola matshelo a bone.

O ba gakolotse gore ba seka ba nyatsa kgwebo epe le fa e le potlana jang, ba nne pelotelele fa ba batla go goroga kwa ba go yang.

Mme Ramogaladi a re mosadi ke thari ya setshaba, ke tsholofelo ya lelapa la gagwe, ka jalo o rotloeditse bomme go batla botlhale mo Modimong ka go ikanya thapelo.

Fa a ba ema ka lefoko la kgothatso, mohumagadi wa Kgosi ya Lerala, Mme Tina Moroka a re go botlhokwa gore bomme ba neelwe ditshwanelo tsa bone gore ba tsee ditshwetso tse di maleba.

Mme Moroka a re bomme ka bontsi ba beile matshelo a bone mo go borre, mme se se dire gore ba ba kgokgontshe ba bo ba ba tsee jaaka didirisiwa.

A re borre ba tshwanetse go fa bomme lorato mme bontsi jwa bomme ba tshelela mo lonakaneng ka ntlha ya kgokgontsho.

A re gompieno basetsana ba dirisang ditagi go feta basimane, se e le di-tla morago tsa kgokgontsho.

O tlhalositse gore bomme ba tlhoka go nonotshiwa gore ba kgone go ikemela ka dinao ba itirele ka ba na le maatla le bokgoni.

Mme Moroka o kopile bomme go emela bana ka dinao, ba ba gogele mo Modimong ka gore ke ene a ka ba faposang mo ditseleng tse di bosula.

O ba rotloeditse gore ba ikopanye ba dire makgotla a itshetso, a ba gwetlha gore ba seka ba rekisa lefatshe le ba nang le lone, bogolo ba le hirise gore le ba jese.

Mme Gorata Ramphaleng wa Botswana Thusang Basadi a re bomme ba tlhoka go nonotshiwa, mme gape a ba rotloetsa go ema ka dinao ba itirela.

Mme Ramphaleng o ba tlhaloseditse ka ditlamelo tsa lekalana la Botswana Thusang Basadi, a ba rotloetsa gore ba inaakanye le lone ka le na le mananeo a a mosola a a thusang bomme.

E rile a ba ema ka lefoko, mogolwane go tswa kwa ofising ya ga molaodi, Rre Thuso Ernest a tlhalosa gore bomme ba na le bokgoni, ka jalo ba seka ba inyatsa.  Rre Ernest o ba rotloeditse gore ba seka ba ineela fa ba kopana le dikgwetlho mo go tse ba di dirang, a tlhalosa gore kgwebo e batla bopelotelele, boineelo le lorato.

A re le fa go ka nna thata jang ba seka ba itsapa ba dire ka pelo yotlhe ba sa inyatse gore kwa bofelelong ba fenye.

Rre Ernest o ne a akgola ba kereke ya Assemblies gore ba dirile tiro e tona e e tlaa dirang pharologanyo mo matshelong a bomme, a ba rotloetsa go tswelela ba dira dithuto tsa mofuta oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LERALA

Event : POTSOLOTSO

Date : 06 Aug 2023