Good Food Brands e abetse sekole dijo
06 Aug 2023
Khamphani ya Ultimate Good Food Brands e abetse sekole sa Mahetlwe se sebotlana malutu ka Laboraro.
Mpho eo, e tsile morago ga gore mookamedi wa khamphani ya AAP Mme Martha Rampa a ye go kopa dithuso tsa dijo kwa khamphaning eo go thusa puso go fepa bana ba sekole sa Mahetlwe, go leka go tokafatsa maduo mo sekoleng seo, bogolo jang jaaka ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa di le gaufi.
E rile fa a amogela mpho eo mopalamente wa kgaolo e bile e le mothusa tona wa thuto, Mme Nnaniki Makwinja a opela dikhamphani tsoo-pedi mabogo a tlhalosa fa di dirile tiro e ntle thata ka e bile e le bana ba Batswana.
“Re leboga go menagane e ka le thusa puso mo tirong e e bokete e,” Mme Makwinja a tshwaela jalo.
Mo godimo ga moo, o gwetlhile batsadi go ema ka dinao go tsenya letsogo mo thutong ya bana.
Bana le bone ba gakolotswe go ithuta thata ka e le bone bogogi jwa lefatshe le mo isagong.
Fa a tlhalosa gore go tsile jang gore sekole se bo se abetswe mpho e e kalo, Mme Rampa o tlhalositse fa khamphani ya gagwe e ikamantse le dikole tse di mo dikgaolong tse di kgakala le ditlhabololo di le lesome le bosupa mme e bile e na le bana ba le dikete tse nne ka fa tlase ga tlhokomelo ya yone.
A re e simolotse lenaneo le la go tlhokomela bana ka 2008 ka jaana a ne a gwetlhilwe ke gore bana ba dikole tse di mo mafelong a a kgakala le ditlamelo maduo a tsone a ne a sa kgotsofatse ka mabaka a a farologaneng fa go tshwantshanngwa le bana ba ba mo dikoleng tse di mo ditoropong.
“Ke ne ke gwetlhilwe ke gore maduo a bana ba dikgaolo tse di kwa tengnyanateng a ne a nna a le kwa tlase,” Mme Rampa a kaya jalo.
A re mangwe a mabaka a a dirang gore go bo go ntse jalo ke gore bana ba tsamaya sekgala se seleele ba sa ja mme se se bake gore ba tlhoke go reetsa sentle fa ba rutwa.
Ka jalo a re khamphani ya gagwe e kopa dithuso mo makgotleng ka go farologana jaaka dithuso tsa dijo, diaparo, melora, dikobo le tse dingwe go thusa go fa bana seriti le tsone tse di jewang.
A re fa bana ba lekwalo la bosupa ba tloga ba kwala ditlhatlhobo, ba tsena mo kampeng mme a ba thuse ka dijo le dipe fela tse di tlhokafalang.
Tse tsotlhe a re di tokafaditse maduo e bile go setse go na le bana ba ba dirileng bontle mo dithutong e bile ba setse ba le kwa dikoleng tse dikgolwane.
A re ke ka moo a kopileng dithuso tsa dijo mo go ba Ultimate Good Food Brands go fepa bana ba sekole sa Mahetlwe ba le bone maduo a bone a nametsang.
Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa Ultimate Good Food Brands, Rre Terence Peloewetse a re ba bone go le maleba go tsenya letsogo mo thutong ka go nna le seabe mo dikoleng tse di kgakala le ditlhabololo ka jaana bana bao e le bone bokamoso jwa lefatshe le.
A re o motlotlo go nna le karolo mo go se se dirwang ke khamphani ya ga Mme Rampa go thusa ba ba tlhokileng lesego.
Khamphani ya gagwe e ntshitse dikgetsi tsa five kg di le makgolo a le mararo tsa malutu.
A re malutu ao ke mangwe a dijo tse di farologaneng tse di dirwang ke khamphani eo mme e bile a na le dikotla tse dintsi tse di siametseng bana.
A re malutu ao a ka jewa fela a futswetswe ka metsi kana a apeilwe mo go rayang gore fa go sena dikgong kgotsa gase a ka futswelwa fela.
A re boupi joo bo tloga bo tsena mo marekisetsong.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Mme Keletso Maeba, o lebogetse mpho eo mo boemong jwa sekole.
A re go sego letsogo le le abang go na le lele amogelang.
O kaile gape fa a akgola bana ka maiteko a bone a go ntsha maduo a a botoka ka jaana e le one a dirileng gore ba lemogwe ke ba-na-le seabe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MAHETLWE
Event : Kabo dimpho
Date : 06 Aug 2023