Go kwadisa matsalo go botlhokwa
03 Aug 2023
Go belegela kwa malwapeng ga bomme bangwe go ama kwadiso ya matsalo ka bana bangwe ba felela ba kwadisiwa kwa morago ga nako.
Tona wa lephata la tsa pereko le selegae, Mme Annah Mokgethi o buile seo kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa Draaihoek ka Laboraro.
Tona Mokgethi a re go botlhokwa gore matsalo a kwadisiwe ka nako, mme a supa fa go tshwenya go bo ofisi ya kwadiso matsalo le dintsho ya Tsabong e tsweletse ka go itemogela go kwadisiwa thari ga matsalo a bana.
Se sengwe se a boletseng fa se tshwenya a re ke go fetola difane ga batho ba sa sala morago ditsetlana tsa molao wa phetolo difane.
A re go botlhokwa gore batho ba ba tlhokang go fetola difane, ba dire jalo go ya ka se se batlwang ke molao.
Go sale foo, Mme Mokgethi o boletse fa ofisi ya kwadiso matsalo le dintsho, e e tlwaelesegileng e le ya Omang, e na le thulaganyo ya go etela metse, mme a supa fa ya Tsabong, e setse a lekotse metse e le lesome mo go e e masome mabedi le motso, ee e thusang ka ditirelo go tloga ka Moranang go tsena Seetebosigo.
Fa a bua kwa phuthegong eo, tona Philda Kereng wa lephata la Tikologo le Bojanala, o ne a bolelela banni ba Draaihoek le mhama wa bojanala, gore lephata la gagwe le ikiteile sehuba go ba ema nokeng go tlhomamisa gore ba a atlega.
A re puso e rebotse Batswana go ka direla ditiro tsa bojanala mo masimo, mme a ba gakolola gore ba dirise masimo a bone mo go tsa bojanala go ka itirela botshelo.
Mo ntlheng e nngwe, Mme Kereng o ikuetse mo banning go tshwara matlakala sentle, ka a ka nna borai mo botsogong jwa batho le jwa diphologolo.
A re lefatshe la Botswana le santse le na le tiro e ntsi thata ya go ruta batho ba lone botlhokwa jwa go tshwara matlakala sentle le go somarela tikologo.
Mo go di sele, o boletse fa lephata la gagwe le tshwentswe ke kgotlhakgotlhano ya diphologolo segolo jang tsa naga le mhama wa temo, a supa fa puso e dira ka gotlhe go tsenya seemo se mo taolong.
Tona wa Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare ene o ne a bua ka thulaganyo ya lephata la gagwe, ya go thusa banana ba ba ikgobokantseng ba le batlhano ka madi a go dira dikgwebo, a tlhalosa fa gantsi e sa tsamaye sentle ka lebaka la gore banana ba ipatla motho a le nosi mo kgwebong.
Rre Rakgare a re go santse go tlhokega thuto mo bananeng gore ba tlhaloganye gore go dira kgwebo mmogo ga go tlhoke gore ba bo ba le ditsala kana masika, ka jaana kgwebo e kgona go tlhakanelwa ke batho ba ba sa amaneng ka tsela epe.
Mo godimo ga moo, tona o ne a itsese morafe wa Draaihoek fa lephata le buletse ikopelo dithuso tsa madi la banana la Youth Development Fund, mme a rotloetsa banana ba motse oo go tsenya dikopo tsa bone.
Tona wa tsa Mesepele le Ditlhaeletsanyo, Rre Eric Molale o ne a itsese banni fa tsela ya Kokotsha-Tsabong e tlaa dirwa mo ngwageng o o tlang wa madi, a supa gape fa ya Werda-Bray le yone madi a go dirwa ga yone a le teng a bonetse.
Mo go tsa botsogo, Mothusa-tona wa Botsogo Rre Sethomo Lelatisitswe o boleletse morafe wa fa sepatela sa Tsabong se tlaa tlhatlosiwa maemo le go okelediwa dipalo tsa malao a balwetse.
E ne e rile a lekodisa tautona ka motse wa bone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Mmitsa Mosantedi o ne a supa fa ditsela tsa botlhokwa di akaretsa ya Kokotsha-Tsabong, le Werda-Bray di le mo seemong se se maswe, mme di tlhoka go dirwa sesha go tila dikotsi.
O kopile gore sepatela sa Tsabong se tlhatlosiwe maemo gore se fe ditirelo tsotlhe tsa botsogo, go kgaolela banni ba kgaolo mosepele wa go latela ditirelo dingwe kwa Princess Marina kwa Gaborone.
Tautona Dr Masisi o ne a etetse motse wa Draaihoek go lekola banni le go ba lekodisa ka dikgang tse di farologanyeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : DRAIHOEK
Event : kgotla meeting
Date : 03 Aug 2023