Breaking News

Puso e tlaa thapa baabi ba melemo

03 Aug 2023

Puso e tlaa rutuntsha le go thapa baabi ba melemo mo dikokelong go araba selelo sa letlhoko la bone.

Seo se builwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi fa a ne a araba selelo sa banni ba Draaihoek mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro.  Banni ba ne ba supa fa baoki ba sa tlhole ba aba melemo mo dikokelong mme seo se ba beile ka fa mosing.

Tautona a re molao wa gore ditirelo tsa go aba melemo di ntshiwe mo baoking di neelwe ba ba rutetsweng go aba melemo o ne wa dirwa ka ngwaga 2013 mme ba lephata la botsogo ba ne ba nna maoto a tshupa go diragatsa molao oo. 

A re gore baoki ba ntse ba dira fela jaaka go ne go dirwa bogologolo mme jaanong lekgotla la babereki la baoki le laetse baoki go diragatsa molao oo.

O tlhalositse fa puso e ka se fetole molao oo gore o patike baoki go tswelela ba aba melemo ka e tshwanelwa ke go obamela molao. 

A re puso e tlaa dira ditogamaano tsa go rutuntsha le go thapa baabi ba melemo, a supa jalo gore baabi ba melemo ba ba leng teng ba a tlhaela lefatshe leno ka bophara.

Tautona o boleletse banni gore tshokolo eo tlaa goga sebakanyana mme go tsweletse go a baakanngwa go laola seemo. Le fa go ntse jalo,  a re molao oo o letla baoki gore ba ka ikopela mo go mookamela lephata la botsogo go aba melemo. A re go ne ga rebolwa baoki go ikopela, mme ga gona ope yo o neng a supa kgatlhego ya go ikopela.

A re fa go ne go dirwa dikatso tsa baoki go ne go lebilwe gore ba aba melemo e le bontlha bongwe jwa tiro ya bone mme jaanong go fetogile. 

A gatelela ntlha ya gore e le Puso ba tshwanelwa ke go diragatsa tshwetso ya ba lekgotla la baoki. 

A kopa gore baoki ba nne ba ikakanye ka go ikopela go aba melemo go thusa balwetsi, gape a rotloetsa batsadi gore ba nne ba ba rotloetse go ikopela.

Tautona o ne a araba selelo sa modulasetilo wa lekgotla la borre Rre Senamile Mojombe yo a neng a supa fa go na le letlhoko la dipilisi mo kokelwaneng ya Draaihoek. A re baoki ba kwala dipilisi mme ga ba di abe. O kopile gore baoki ba busediwe go abela balwetsi dipilisi fela jaaka go ne go ntse pele. 

O supile gape gore kgaogo ya matlakase mo kgaolong eo e ama ditirelo tsa botsogo.

Mo tshwaelong e nngwe o supile gore motse oo o bapile le polasi ya diphologolo kwa Afrika Borwa e e ruileng dinare, mme dinare le dikgomo di nwa metsi mo lefelong le le lengwefela. 

A re seo se ka baka tlhagogo ya  bolwetse jwa tlhako le molomo.

Fa a tlaleletsa karabo ya ga Tautona, mothusa tona wa botsogo Rre Sethomo Lelatisitswe a re baoki ba tsere tshwetso ya gore ga ba abe melemo mme go setse jaanong e le kgwedi ba emisitse tirelo eo. A re baabi ba melemo ba a tlhaela lefatshe leno ka bophara mme mo nakong eno lephata le mo dipuisanyong le ba lekgotla la babereki go tla ka tharabololo.

A re seemo sa letlhoko la melemo mo dikokelong se tokafetse. 

O supile gore kgaogo ya motlakase e a tshwenya mo dikokelong mo kgaolong ya Tsabong mme ba tlaa seka-seka go dirisa marang a letsatsi go fetlha motlakase.

Mabapi le seemo sa bophepa jo bo sa nametseng jwa sepatela sa Tsabong, mothusa tona o rile go phepafatsa dipatela jaanong go tlaa neelwa baphepafatsi ba dikhampani tse di ikemetseng.

Rre Paselema Bimbo le ene o ne a rolela Tautona gore go na le tlhaelo ya dipilisi mo kokelong. Mme a kopa gore dikokelo le dikokelwana di neelwe ditsompelo tse di lekaneng le gone gore baabi ba dipilisi ba nne teng. 

“O kwalelwa dipilisi mme o bo o tewa gotwe yo o abang ga a yo,” a bolela.

Mo kgannyeng e nngwe o ne a ntsha kopo ya gore go elwe tlhoko diphologolo tsa naga tse di tsenang mo dipolasing le tse di tlolelang ko Afrika Borwa di bo di sa boe. 

 

A tswa ka mogopolo gore terata ya ba matlhoko a leruo e tsholediwe go kganela diphologolo.

Monana, Rre Nkakanyetseng Mojombe o kopile gore go agiwe sekole sa tiro ya diatla se sengwe mo kgaolong eo ka ba tshwanelwa ke go latela dikole  kgakala. 

A kopa gore se se mo Tsabong sone se okelediwe dithuto tse di rutiwang. O ne a kopa gore ba epelewe sediba gore se nose leruo lwa motse.

Fa a leboga Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi borwa Rre Samuel Brooks o akgoletse Tautona Masisi go ema ka dinao go tlhabolola temo-thuo le bojanala mo kgaolong eo. 

A kopa gore go seka-sekwe go dirwa ga tsela ya Khuis- Gakhibana, Khawa-Khuis, mme ebile gape go tsenngwe motse wa Maleshe mo metseng e e agelwang ditsela tsa sekgala sa 10km.

O ne a lebogela puso go epa didiba kwa Makopong-Werda go araba selelo sa letlhoko la metsi. O ne a kopa gore go phunngwe didiba kwa Maralaleng mme di nose motse wa Draaihoek ka gore goga metsi kwa Makopong-Werda go ka nna turu.

Mo phuthegong eo Tautona Masisi o ne a abela banni ba Draihoek dikobo di le 150. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : DRAAIHOEK

Event : kgotla meeting

Date : 03 Aug 2023