Go ikgapela botshelo ga se tharabololo ya mathata
02 Aug 2023
Borre le setshaba ka kakaretso ba gakolotswe go kopa dithuso mo go ba ba lebanyeng go ba sidila maikutlo go na le go tsaya ditshwetso tse di seng maleba.
Se se tla morago ga gore mapodisi a amogele pego e mo go yone monna mongwe mo Tsabong a fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo e a neng a e hirisitse kwa kgotlaneng ya Herero bosheng.
Motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong Assistant Superintendent Monnathebe Mphela o tlhalositse fa mapodisi a ne a ragogela kwa lefelong la tiragalo mme ba ragosetsa monna yoo kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba tlhomamisetseng fa a tlhokafetse.
Rre Mphela o supile fa serepa se le kwa setsidifatsing mo Tsabong fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.
O boletse fa moswi wa dingwaga tse masome a mararo le borataro e ne e le moagi wa Tsabong mme a tlholega kwa Lesenepole mo kgaolong ya Tswapong mme ba masika ba setse ba itsisitswe.
Rre Mphela o ne a supa fa e le mapodisi ba tshwenngwa ke dikgang tsa go ikgapela botshelo mo kgaolong eo, a supa fa ba gatisitse di le thataro go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ya Phatwe monongwaga. Assistant Superintendent Mphela o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mapodisi a ne a begelwa fa go fitlhetswe mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bone go lebega a ole mme a rapaletse gaufi le matlo a dikgolegelo mo Tsabong.
O boletse fa mapodisi ba ne ba ragosetsa mme yoo kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba rurifaditseng a setse a tlhokafetse.
Se serepa sa gagwe se kwa setsidifatsing mo Tsabong. Assistant Superintendent Mphela o ne a supa fa go lebega moswi a ne a tswa marekisetsong ka go fitlhetswe polasitiki e na le mephuthelwalana.
A re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse, a tlatsa ka go supa fa moswi e ne e le monni wa Tsabong mme batsadi ba le kwa Gantsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Interview
Date : 02 Aug 2023