Tshwaragano e ka dira pharologanyo mo kalafing ya kankere
02 Aug 2023
Go tshwaragana ga ba-na-le seabe le puso mo metlhaleng e e farologaneng e e ka thusang mo kalafing ya bolwetse jwa kankere go mosola.
Mogokaganyi wa tsa pelegi mo lephateng la botsogo le boitekanelo (Maternal consultant) Dr Morrison Sinvula, o buile se bosheng kwa sepateleng sa Sir Ketumile Masire Teaching Hospital(SKMTH) jaaka go ne go bulwa semmuso motshine/didirisiwa tsa maranyane a sesha a go alafa kankere.
Didirisiwa tse, tse di lopileng madi a a fetang P6 million, di tlaa thusa go tokafatsa le go fefosa kalafi ya bolwetsi jwa kankere.
Motshine o gape o tlaa thusa go alafa balwetsi go tswa mo mafatsheng a a mabapi a; Zimbabwe, Zambia, Lesotho, Mozambique le a mangwe.
Dr Sinvula a re go alafa kankere go turu mme, go a kgatlhisa go bona puso e dira ka gotlhe go tsisa ditlamelo tsa kalafi tsa boleng jo bo kwa godimo gaufi le batho.
A re seo se tlisa tsholofelo mo balwetsing le ba malapa a bone.
A re fa ba-na-le seabe ka go farologana le bone ba ka tswelela ba ema puso nokeng, seo se tla tsisa pharolganyo.
A re ba-na-le seabe ba ka tswelela ba inaakanya le dikgang di akaretsa go dira dipatlisiso gangwe le gape ka metlhale e mesha ya go lwantsha le go thibela bolwetsi jwa kankere.
O bile a gatelela botlhokwa jwa go fa balwetsi ba kankere ga mmogo le le ba malapa a bone kgotsa batlhokomedi ba bone tshidilo maikutlo, a re seo se ka ba tiisa moko le go ba fa tsholofelo .
Dr Sinvula o gateletse botlhokwa jwa go etela dikokelo gangwe le gape go tlhatlhobelwa kankere ka go farologana, a re seo se ka dira gore matlhasedi a kankere a lemosege a santse a tlhagoga mme go tsewe dikgato tse di maleba.
A re sengwe se se ngomolang pelo ke gore bontsi jwa balwetse ba kankere ba tla kokelong seemo se setse se bifile mme fa gongwe dingaka di felele di retelelwa ke go boloka botshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GABORONE
Event : TSHIMOLODISO YA MOSHINE
Date : 02 Aug 2023