Breaking News

Sealetsa o tlhongwa semmuso

02 Aug 2023

Kgosi Ashton Sealetsa o tlhomilwe semmuso kwa kgotleng ya Matebejana kwa Kanye bosheng.

O tsaya maemo a morago ga gore morafe wa kgotla eo o ikopele go nna le kgosi e e tlhomamisitsweng semmuso.

Fa a bua kwa moletlong wa peo, Kgosi Kgotlaetsile Sane wa kgotla ya Taukobong o gakolotse Kgosi Sealetsa go tshwaragana le morafe go tlhabolola kgotla.

“Kgosi ke kgosi ka batho, jalo o tshwanetse go bereka thata o  engwe nokeng ke morafe wa gago ka nako tsotle,” a supa jalo.

 O ne a kopa Kgosi Sealetsa go tsaya batho ka tekatekanyo. O mo kopile go tsaya dikgakololo le go reetsa dilelo tsa morafe wa gagwe.

“O thuse morafe wa gago ka botswapelo nako tsotlhe, mme ebile o seka wa utlwa ka magatwe,” ga gakokolola Kgosi Sane.

Kgosi Sane o gakolotse Kgosi Sealetsa gore a seka a inaakanya le sepolotiki ka go dira jalo go ka kgaoganya morafe. O ile a kopa mabutswapele a kgotla eo go ikatumetsa mo kgotleng go thusa ka dikgakololo tse di ka isang ditlhabololo tsa kgotla eo pele.

Fa a laya kgosi mo boemong jwa ga malome, mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kagiso Mosarwane, o ne a kopa Kgosi Sealetsa go dira tiro ya gagwe ka bonolo le bopelotelele.

“Re kopa gore o dire tiro e ka matsetseleko le ka mowa oo edileng jaaka re go itse,” ga tlatsa Rre Mosarwane. Fa a amogela thomo, Kgosi Sealetsa o ne a kgothatsa morafe go emela kgotla ya bone ka dinao.

A re o tsere dikgakololo ka go tlhaloganya gore tiro ya bogosi ke thulaganyo e tona, e bile e le masisi.

“Ke tlhaloganya thata gore ditiro tsotlhe tse ke tlaa bong ke di dira, ke di dira mo boemong jwa ga kgosi kgolo wa rona, Kgosi Malope II,” ga tlhalosa Kgosi Sealetsa.

Kgosi Sealetsa o ne a kopa morafe go akanya dilo ka mokgwa oo pharologanyo go na le jaaka ba ntse ba dira go ya ka mogopolo wa tlhomo ntsha wa ga tautona Dr Mokgweetsi Masisi.

O ba kopile go tsaya karolo mo dikomiting tsa motse tse di akaretsang jaaka tsa ditlhabololo, twantsho borukutlhi le tsa banana.

“Re tshwanetse go ema ka dinao go lwantsha borukutli le tsotlhe tse di duleng mo tseleng, gammogo le go tsaa karolo mo komiting ya banana gore re kgone go fitlhelela maikaelelo a ga Tautona,” ga tlatsa Kgosi Sealetsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KANYE

Event : Peo ya Kgosi

Date : 02 Aug 2023