'Tlhokomelang matlotlo a tlholego
01 Aug 2023
Mogolwane kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Boyce Sebetela a re matlotlo a tlholego a tshwanetse go tlhokomelwa, a tlhabololwe a bo a busediwe mo tirisong.
Rre Sebetela o buile se kwa mogwantong o o neng o tshwerwe ke kereke ya UCCSA kwa Mahalapye bosheng.
Mogwanto o ne o remeletse mo go gakologelweng ditso tsa kereke eo.
Rre Sebetela a re go bona kereke e bua ka matlotlo a tlholego ke selo se se kgatlhisang ebile go a bonala gore UCCSA e itebagantse le Tebelopele ya 2036, ka e bua ka go godisa Bojanala.
O supile fa bojanala bo sa itebeganya le diphologolo fela. Are matlotlo fa a tlhokomelwa a ka nna le seabe se segolo mo go tsoseng itsholelo.
O rotloeditse phuthego go akaretsa go itshidila mmele mo ditirong tsa kereke, a re ke nngwe ya go fokotsa malwetsi, segolo jang a a sa tshelanweng.
Rre Sebetela o tlhalositse fa Tebelopele ya 2036 e supa fa Botswana a eletsa go tswa mo itsholelong e e fa gare go ya kwa go e e kwa godimo, mme a re seo se tlhoka gore Batswana ba fetole dilo dingwe jaaka fa Tautona a bua ka go fetola dikakanyo, megopolo, maikutlo le maitsholo.
O ne a lebogela kereke go supa go itlhabolola le go ipelega ga yone.
Moruti wa kereke ya UCCSA kwa Mahalapye, Reverend Mokgweetsi Kgapo a re kgwedi e ke ya bone e le ba kereke ya Lontone, gore ba ipelele matlotlo a bone, mme ba gwanta go kgobokanya madi go thusa dikole tsa Moeding College, Maun Senior, Lephoi Centre le Kgodisong Centre.
A re ngwaga o o fetileng ba ne ba kgona go abela dikole tse madi, go ithusa fa go tlhaelang teng.
O boletse fa UCCSA kwa Mahalapye e tsere karolo mo go thuseng go tlhabolola kgaolo, e thusa dikole, ba thusa bana ba ba tlhokang ka paka ya sekole .
Rev. Kgapo a re ba kgonne go kgobokanya madi a a tshwarang P25 865 ka mogwanto wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : Mogwanto
Date : 01 Aug 2023