Breaking News

Head Mountain of God Apostolic Church in Zion e abetse malwapa

01 Aug 2023

Kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion e abetse malwapa mangwe a le mararo mo Masunga dimpho ka go farologana tse di lopileng P30 000.

Dimpho tseo di ne di akaretsa diaparo, dikobo, dijo le tse di tlhapang mme di abilwe jalo jaaka kereke eo e ne e tshegeditse dikgaisanyo tsa metshameko ya bopelotlhomogi, kwa Masunga kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabongwe.

Dikgaisanyo tseo tsa metshameko ya kgwele ya dinao le bolotloa di ne di thulantse ditlhopha tsa banana ba kereke eo go tswa kwa dikgaolong tsa Borwa, Legare, Bokone le Bokone Bophirma.

Go tlhalosiwa fa moono mogolo wa metshameko eo, e e tshegediwang ngwaga le ngwaga e le go diragatsa maitlamo a kereke a go etela dikgaolo tsa lefatshe leno, go ngathogana sengwe le bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Fa a nankola maikemisetso le maikaelelo a thulaganyo eo, mongwe wa ba komiti e neng e rulaganyetsa tiro eo, gape e itebagantse le metsahameko ya kereke, Mme Patricia Kgoboko o tlhalositse fa kereke ya bone e simolodisitse thulaganyo eo ka ngwaga wa 2011 ka maikaelelo a go abela bangwe bonyenyane jo ba nang le jone.

A re mosepele wa bone wa go ngathogana le ba ba tlhokileng lesego o setse o ba gorositse kwa mafelong a le mmalwa a lefatshe leno.

Mme Kgoboko a re ba dumela fa dimpho tseo di tlaa tsisa pharologanyo e kgolo mo malwapeng ao, go akaretsa le gone go a neela seriti se se tshwanetseng.

O supile fa ba kgona mosepele oo, ka kemonokeng ya dikhamphani le dikereke tse dingwe ka go farologana ga mmogo le ka mowa wa boitlhaopo o maloko a kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion a nang le one.

Ka jalo, Mme Kgoboko o ne a gwetlha bakaulengwe ba gagwe go tswelela ba tshegeditse mowa oo, a bo a supa fa dikgoro tsa bone di buletwse dikereke tse dingwe, dikhamphani le mongwe le mongwe yo nang le keletso ya go tshwaraganela mosepele oo le bone.

O bile a supa fa a na le tshepo ya gore go aba moo ga bone, go tla jwala mowa wa go aba mo baneng.

Mme Kgoboko a re gape ba dirisa metshameko eo e le tsela nngwe ya itshidilo mebele, a tlatsa ka go supa fa ngwaga o tlang ba tlaa bo ba le kwa Maun.

Mo mafokong a gagwe a kgothatso, mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o lebogile maloko a kereke eo go menagane, a re ba dirile tiro e e faphegileng.

E re ka jaana ditso di supa fa ese lantlha kereke eo e dira tiro e e kalo, Rre Moabi o kgothaditse maloko go tswelela ka go thusa puso fa e tlhaelang teng.

O supile fa puso e dira gotlhe go leka go thusa ba ba tlhokileng lesego mme sebe sa phiri e le go bo e sa kgone go ba thusa botlhe.

A re mowa wa go aba o ka thusa go godisa kereke ya bone.

Fa a itebaganya le metshameko, Mopalamente Moabi o boletse fa e thusa go faposa banana mo dilong tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng jaaka nnotagi le tse dingwe.

O tsweletse a gwetlha kereke eo go rapedisa lefatshe leno segolo jang kgaolo eo, tebang le kgang tsa borukutlhi.

Fa a bua mo boemong jwa ofisi ya molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Chris Moseki le ene fela jalo o ne a phophotha kereke eo legetla mo tirong e ba e dirang.

Rre Moseki o ne supa fa dikereke di le botlhokwa mo go ageng motho, a re seo se dirwa ke go bo di dirisa lefoko la Modimo le melawana e e mo baebeleng.

E ntse e le gone kwa metshamekong eo, setshaba se ne sa nna le sebaka sa go itlhatlhobela malwetse ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Kabo ya mpho

Date : 01 Aug 2023