Breaking News

Eloyi e rapela kgatlhanong le borukutlhi le kgokgontsho

01 Aug 2023

Moruti Archbishop Sekai Jakoba wa Eloyi Christian Church a re kereke ya gagwe e kgala mekgwa e e maswe e e jweleletseng mo lefatsheng leno, e kgoberang kagiso.

A re kereke ya gagwe e mo letsholong la go dikologa lefatshe leno e rapedisa batho le go rapelela kgatlhanong tsotlhe tse di maswe di tshwana le dipolao tsa batho, bogodu, borukutlhi, tiriso ya ditagi e mo nakong eno e ileng magoletsa gammogo le kgokgontsho mo malwapeng.

O buile jalo kwa tirong ya thapelo kwa Lesenepole, kwa go neng ga abelwa ba ba farologaneng ba tshwana le bagodi ba ba fetileng dingwaga tse di lekgolo ba le bane dikobo. Bana ba Lesenepole ba le 150 ba ne ba abelwa tse di tshamekang le dibuka ka go farologana.

Sekole se segolwane sa Bakgopheng sone, se ne sa abelwa mesangwana ya basetsanyana mme se sebotlana sone sa abelwa dipene le dipensele.

Bagolo ba Eloyi Christian Church ba ba neng ba abelwa ba ne ba le dingwaga tse di magare ga 103 le 107.

Archbishop Jakoba o ne a kopa dikereke go kopanela go lwantsha tsotlhe tse di maswe tse di diragalang mo lefatsheng leno.

Mo kgannyeng ya go abela ba ba tlhokang, Archbishop Jakoba o ne a supa fa go sena motho yo o ka kerekang sentle a na le botlhoki kana a na le tlala, ka jalo ba ne ba bona go tshwanela gore ba abele bangwe ba ba tlhokang mo Lesenepole.

A re bangwe ba na le dilo tse dintsi kwa malwapeng tse ba sa di diriseng mme fa go nna jalo ba tshwanetse ba di abele ba bangwe. A re go na le bangwe ba mo nakong eno ba nang le diaparo tse ba kgonang go nna ngwaga otlhe ba sa di apare mme ba tshwanetse ba gwetlhega go di abela ba ba di tlhokang.

O ne gape a supa fa bangwe ba a ja ba latlha, mme bangwe ba baagisanyi ka bone ba le mo tlaleng.

Archbishop Jakoba o ne a gwetlha kereke ya gagwe go tlhabolola dikago tsa dikereke tsa bone.

A re bangwe ba obama mo dikagong tse di sa nnang sentle, mme a ba kopa go dira maiteko otlhe go fetola seemo seo ka go aga dikago tsa sennelaruri. A re kereke e tshwanetse ya nna botshabelo mo go ba ba batlang kagiso mo moweng le ba ba kopanang le dibetso tsa tlholego di tshwana le dipula. Archbishop Jakoba a re dikago tsa kereke tse di sa nnang sentle di kgona go golafatsa ba ba obamang mo teng ga tsone.

Kgosi Lenyeletse Kebuamotse wa Lesenepole o ne a akgolela kereke ya Eloyi go tsisa kagiso e ba e batlang mo motseng wa bone.
A re kereke e bopa motho e bile fa go senang kereke teng go nna le tse di maswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LESENEPOLE

Event : Thapelo kwa Lesenepole

Date : 01 Aug 2023