Jwaneng Mine PIT Service Social Group e aba dimpho
01 Aug 2023
Maloko a Jwaneng Mine PIT-Service Social Group a abetse kgotla ya Matlhakola kwa Tswapong, ditilo di le 101 ba bo ba abela bana ba sekole se se botlana sa Matlhakola ba le 31 paka ya diaparo tsa mariga, ditlhako, dikausu tsa sekole le setilo sa kgosi le thobane.
Khamphani ya CEM tyre services le yo ne e ne ya se ka ya salela kwa morago, ya itshwaraganya le PIT Service go supa mowa wa lorato, bone ba abela sekole se botlana sa Matlhakola P5 000 e le a laptop le bokoso ya mesangwana ya bomme.
Dimpho tse di abilwe ka Matlhatso kwa Matlhakola, kwa badiri ba neng ba aba dimpho le go amogana dikitso le kgothatsa morafe.
Mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Sethabelo Modukanele o lebogetse dimpho a supa fa ba Jwaneng Mine PIT Service Social Group ba supile lorato ka go abela banni dimpho.
Rre Modukanele a re tiro e ba e dirileng ke e tona thata, e arabile selelo sa banni sa letlhoko la ditilo tsa kgotla le letlhoko la bana bangwe ba sekole.
A re bana ba ba abetsweng paka ya sekole ba tlaa tshwana le ba bangwe mme se se thuse go tsholetsa maduo a bone.
Rre Modukanele a re tiro e ba e dirang e, ba aga boeteledipele jwa ka moso ebile ba thusa puso fa go tlhaelang teng.
O ne a lekodisa banni gore ka ba ntse ba lela ka leuba, puso e tsere tshwetso ya go fokoletsa barui tlhwatlhwa ya dijo tsa leruo, a tlhalosa gape gore go okeditswe dipalo tsa lenaneo la Ipelegeng ka 10 000 lefatshe lotlhe.
Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, raboipelego wa kgaolo ya Matlhakola/Mokungwane, Rre Obakeng Kheru a re Matlhakola ke motse o monnye ka jalo, o na le letlhoko le le ntsi.
Rre Kheru a re puso ga e ka ke ya kgona e le nosi ka ntlha ya tlhaelo ya madi ka jalo ba ne ba ikgolaganya le makalana aa ikemetseng go kopa dithuso mo Matlhakola.
Morulaganyi wa kabo dimpho tse wa PIT Service Social Group, Rre Morulaganyi Ofaletse a re ba dira se ka madi a ba ntshang mo dipateng tsa bone a ba a kokoanyang mo mokgatlhong wa bone.
Rre Ofaletse a re ba dirisitse P30 000 go reka dimpho ba bo ba ntsha kgomo gore ka letsatsi le, go nne le metsinyana.
A re ba dira se go thusa setshaba sa lefatshe la bone, ba diragatsa mangwe a matshego a Tebelopele ya Botswana ya 2036. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MATLHAKOLA
Event : Kabo ya dimpho
Date : 01 Aug 2023