Breaking News

Ba Morupule ba itekodisa bogogi jwa Palapye

01 Aug 2023

Mookamedi wa moepo wa magala wa Morupule Coal Mine (MCM), Rre Edwin Elias a re ba mo loetong la go godisa  moepo o o go nna wa maemo a a kwa godimo ebile o eletsega.

Fa a bua kwa bokopanong jwa ba-na-le seabe le bogogi jwa Palapye go lekodisanya ka moepo wa Palapye bosheng, Rre Elias a re moepo oo, o o simolotseng ka dingwaga tsa bo 1973 o ne wa gola mme mo nakong eno o ntsha magala a maemo a ntlha.

A re mo ngwageng o o fetileng, e le bogogi jwa MCM ba ne ba digela moalo o o supang gore moepo o ya kae ebile maikaelelo a o ne ke eng, o ba nang le tsholofelo ya gore o tlaa ba isa kwa pele.

O supile fa MCM e le mo maemong a a itumedisang a go gaisanya le dikhamphani le mebaraka ya mafatshefatshe ya go rekisa magala a boleng jo bo kwa godimo le tsotlhe tse di tswang mo magaleng.

Rre Elias a re moepo o beile kwa pele botsogo le tshireletsego, go tsaya ka tlhoafalo ba e ba rekisetsang, go ntsha magala a maemo a a kwa godimo gammogo le go tshepega ka nako tsotlhe mo go tsa kgwebo.

Ka jalo o ne a supa fa moepo wa MCM o o tlaabong o digela dingwaga di le masome a matlhano mo ngwageng ono, o na le dingwaga di le masome a mabedi le bongwe o sa nne le kotsi epe e e masisi mme seo ke phitlhelelo e kgolo thata ka meepo e mengwe bogolo jang e e kwa mafatsheng a mangwe e kgona go nna le dikotsi tse di masisi ngwaga le ngwaga.

O itsisitse bogogi jwa Palapye le ba-na-le seabe fa MCM e tsweletse ka go dira mananeo a a farologaneng, go leka go godisa kitso mo badiring ba bone le mo go ba ba kwa ntle ba ba sa direleng mo moepong, bogolo jang banana ka e le bone ba bontsi jwa bone ba sa direng.

A re MCM e neela banana ithutontsho ya tiro le go ba ruta tiro fa ba tsweletse ka dithuto tsa bone le gone go rutuntsha babereki ba bone gore ba kgone go dira sentle.

Rre Elias a re fa moepo wa MCM o simolola, go ne go thapilwe bomme ba le babedi fela mme mo nakong eno ba 142.

A re maikaelelo ke gore ba oketse dipalo tsa bomme ba ba direlang kwa moepong oo ka ba setse ba itshupile fa ba na le bokgoni.

Mo go tse dingwe, supile fa moepo o tsweletse sentle ka o tshwaragane le makalana a mangwe, a tlhalosa gore fa tshwaragano eo e ne e seyo, o ka bo o ne o sa tswelela.

Mopalamente wa Palapye, Rre Onneetse Ramogapi o supile fa ba MCM ba dirile tiro e tona ya go lekodisa setshaba ka moepo mme a ba rotloetsa go dira jalo nako tsotlhe.

O kopile botlhe ba-tsena bokopano joo go ya go arogana le setshaba ka dikgang tsa MCM.

A re bontsi jwa nako, fa go se na tekodiso go nna le dikgang tsa magatwe mme seo se sa siama.

O ne gape a akgolela ba MCM tiro e ba tsweletseng ba e dira ya go thusa setshaba, a supa fa ba amile matshelo a setshaba sa Palapye ka ba thusa fela thata fa ba bonang go na le letlhoko.

Mogolwane mo go ba ba itebagantseng le tsa khiro kwa MCM, Rre Tom Mongale o supile fa maikaelelo a bokopano e ne e le go kopana le ba-na-le seabe, go lekodisanya ka fa MCM o dirang ka teng le gore maikaelelo a moepo ke eng.

A re go thona gore e re moepo wa Morupule Coal Mine o le mo Palapye, setshaba sa Palapye se bo se sa itse ka one ba bo ba felela ba utlwile dikgang tsa moepo go se le.

Rre Mongale a re maikaelelo ke gore botsalano jwa moepo le setshaba bo tswelele jalo.

O supile fa moepo wa MCM o ka tokafatsa ka fa o dirang ka teng fa o ka tsaya dikgakololo mo setshabeng.

E ne ya re morago ga tiro eo ya go lekodisa ka moepo, bogogi jwa moepo jwa supegetsa bogogi jwa Palapye kwa go epiwang magala teng le gore magala a dirwa jang gore a nne mo seemong sa go rekisiwa kana go dirisiwa.

Bogogi jwa Palapye bo ne jwa bontshiwa lebala la metshameko le le sa tswang go fela go agiwa.

Ba MCM ba ne ba rolela motse wa Palapye mafelo a itshidilo a le mabedi, kwa kgotleng ya Khurumela le kwa Extension 2 a a neng a bulwa semmuso ke Kgosi Martha Lebang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : Bokopano

Date : 01 Aug 2023