Mopalamente o akgola kereke ya UCCSA
31 Jul 2023
Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Oabile Regoeng o akgotse kereke ya United Congregation Church of Southern Africa (UCCSA) e gape e tlwaelesegileng ka leina la Lontone go bo e nnile le seabe se se tona mo go tlhabololeng lefatshe leno.
Rre Regoeng o buile se ka Matlhatso kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke phuthego ya kereke eo ya Boribamo mo Molepolole, maikaelelo magolo e le go kokoanyetsa phuthego kgolo (Synod) madi a go thusa dikole tse di simolodisitsweng ke kereke eo ga mmogo le bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
E rile a ema phuthego ka lefoko, Mopalamente Regoeng a gakolola ka seabe se kereke ya UCCSA e nnileng le sone mo ditlhabololong tsa lefatshe leno.
“Ntleng le go gasa efangeli le thero, kereke ya Lontone e nnile le seabe mo thutong jaaka e ne ya simolodisa dikolo di tshwana le sa Moeding College, Maun Secondary le tse dingwe ya bo ya nna le seabe gape mo mohameng wa botsogo jaaka e simolodisitse sepatela sa Scottish Livingstone,” Mopalamente a tshwaela jalo.
Rre Regoeng a re ga go a felela foo ka jaana kereke ya Lontone e nnile le seabe se se tona sa go ranola baebele, go tswa mo sekgoeng go tsena mo setswaneng.
A re se ke maiteko a matona fela thata a a tlhokang go lemogwa abo a lebogiwe le gone go ema kereke nokeng tota.
E re ka phuthego ya Boribamo e simolodisitse kago ya kereke, mopalamente o ne a akgola maiteko ao a supa fa kereke eo e godile ka dipalo e bile e setse e aname le motse. A re kgolo eo e supa boeteledi pele jwa motia. O ne a kgothatsa baruti ba kereke go tswelela ba dira ka thata le ka bopelotelele.
Mokwaledi wa kereke, Mme Mosamarea Leshomo o tlhalositse gore moono wa mogwanto oo, o dule ka phuthego kgolo, go kokoanyetsa kereke madi gore e tle e thuse dikole tse di ka fa tlase ga kereke.
A re phuthego nngwe le nngwe e ne e beetswe setlamo sa P5 000. Mme Leshomo o ne a tlhalosa gore phuthego ya bone e itlamile go dira madi a a fetang foo gore ba tle ba kgone go isa a mangwe mo kagong ya kereke.
A re e le kereke ba bone go tshwanela gore ba seka ba phutha matsogo mme ba tsenye letsogo go thusa go imolola puso morwalo ka e ka seke e kgone e le nosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Mogwanto
Date : 31 Jul 2023