Breaking News

Kereke e rotloetsa Itshidilo mmele

31 Jul 2023

Moruti Matshidiso Keitiile wa kereke ya UCCSA kwa Ranaka a re itshidilo mmele e e tseneletseng e botlhokwa thata mo botsogong.

Moruti Keitiile o buile se kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke ba kereke ya Ranaka UCCSA ka Matlhatso.

O tlhalositse fa maikaelelo magolo a mogwanto oo e ne e le go ema ba botsogo nokeng mo maitekong a go lwantsha malwetsi a a sa tshelalweng.

A re ke ngwaga wa boraro kereke e ntse e dira mogwanto oo ebile e ikaela go o dira ngwaga le ngwaga, a supa fa seo se tlaa lemotsha batho ka botlhokwa jwa go itshidila mmele.

Le fa go ntse jalo, Moruti Keitiile o ne a rotloetsa phuthego go tswelela ka go itshidila mmele malatsi otlhe, a re ba seka ba emela fela gore kereke e dire mogwanto.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa maikaelo a mangwe a mogwanto e le go kgobokanya madi go thusa simolodisitsweng ke kereke.

A re kereke e bone go le botlhokwa go imolola puso morwalo ka go kgobokanya madi a a tlaa thusang go tlhabolola dikole tseo le go thusa bana, bogolo jang ba ba nnang mo go tsone.

O ne a supa fa mogwanto gape o tiisa botsalano le bokaulengwe ka gore o tsenelelwa ke mongwe le mongwe.

A re e le ba UCCSA, ga ba batle go lebala ditso tsa kwa kereke ya bone e simologileng teng ka jalo megwanto e biditswe ka ditso jaaka wa borwa o bidiwang Kolobeng mme wa kwa bokone one o bidiwa Tlhatlaganyane.

Mogwanti mogolo, yo o leng tona wa tsa kgwebo, Rre Karabo Gare o ne a rotloetsa mogwanto ka P10 000 a bo a abela bagodi dikobo di le masome a mabedi le borobabongwe. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : RANAKA

Event : Mogwanto

Date : 31 Jul 2023