Breaking News

Matlhabelo a tlaa bulwa mo bogaufing

31 Jul 2023

 Barui ba kgaolo ya Tsabong le Batswana ka kakaretso ba rotloediwa go nna malala-a-laotswe go rekisa le go dira dikgwebo ka ditswa-diruiweng tse di tlaa tlhabiwang mo matlhabelong a Tsabong a a tlaa bulwang mo bogaufing.

Kago ya matlhabelo a, e e simologileng ka 2020, e ya motsubong ka jalo barui ba rotloeditswe go ikitaya ka thupana go ntsha leruo la boleng ka dipalo tse di tlhokegang gore matlhabelo a seka a ema ka tsatsi lepe.

Se se builwe ke moeteledipele wa lephata la Temo-thuo mo kgaolong ya Tsabong Mme Ikgopoleng Shabane kwa diphuthegong tsa Kgotla kwa Tsabong, Maubelo le Omaweneno bosheng.

Mme Shabane a re go aga matlhabelo a, ke maiteko a mantle a puso go tlhabolola matshelo a Batswana ka jalo barui ba tshwanetse ba ema ka dinao go ntsha dipalo tse di tlhokegang.

Seo se ka kgonagala fela fa barui ba ka fetola dikakanyo le go tokafatsa thuo.

O ne a ba gakolola gore go botlhokwa gore ba nne le dikitso tse di tseneletseng ka seo se ka ba thusa go ntsha leruo la boleng jo bo kwa godimo.

A re ba tsenelele dithuto kwa polaseng ya puso ya dihutshane ya Lobu.

Ba tlaa rutwa go dira dibuka, go tsamaisa meraka ya bone e le kgwebo, go laola malwetse a leruo mo merakeng, le go dirisa methale e mesha ya go rua go tokafatsa boleng jwa leruo la bone.

Mme Shabane a re barui ba ntse ba fiwa dithuto tseo ba sa lopiwe sepe mme ka go tlhoka ditshenyegelo dingwe go rutuntsha barui, puso e ne ya kopa gore ba tshwaraganele ditshenyegelo.

A re e le ba Lephata la Temo-thuo ba tshwenngwa ke kwelo tlase ya baithuti fa e sale go simololwa go lopa barui go ntsha matsana a P1 600 go ya go ithutuntsha kwa polasing ya Lobu sebaka sa beke. Ka jalo o ba kopile go tsenelela dithuto ko Lobu gore ba tokafatse lotsalo.

Mogolwane wa tsa kgwebo ya temo-thuo Rre Golekwang Moshashane a re go agiwa ga matlhabelo ao go tla bula mehama e mengwe ya dikgwebo ka jalo Batswana ba tshwanetse ba ipaakanyetsa go tsena mo dikgwebong tse di farologanyeng.

A re ka gore matlhabelo ao, a tlaa tlhamela batho ba le lekgolo le masome a mabedi ditiro go tlaa tlhokwa maroko.

Go tlaa tlhokega dikoloi tse di tlaa hirisiwang go isa diruiwa kwa matlhabelong.

A re matlhabelo a tla a ntsha ditswakgomong di tshwana le matlalo, marapo, moswang le tse dingwe ka jalo di tshwanetse tsa dirisiwa go tlhama ditiro.

Fa a mo tlatsa, mogolwane wa Local Enterprise Authority mo Tsabong Rre Onalenna Mmatli o ne a re ga go isiwe sengwe le sengwe kwa mmarakeng wa Europe ka jalo barui ba tshwanetse ba tsaya mananeo a puso go tlhabolola leruo la bone.

A re ba inaakanye le ba kadimiso madi go tokafatsa boleng jwa leruo la bone ka jalo dikgoro tsa ba Local Eenterprise Authority di butswe go ba thusa go dira mealo ya kgwebo gore ba ikopele madi.

Mogolwane wa tsa matlhoko a leruo Dr Tshepang Moeng a re matlhabelo ao a tla tlhaba dihutshane di le makgolo a mararo ka letsatsi, dikgomo di ka nna masome a marataro le diphologolo di ka nna masome a marataro ka letsatsi ka jalo go botlhokwa go oketsa dipalo mo kgaolong eo.

Dr Moeng a re go botlhokwa go fetola mokgwa wa go rua go oketsa dipalo.

Ka jalo o rotloeditse barui go etela meraka ya bone kgapetsa-kgapetsa go tlhola leruo.

A re bontsi jwa barui ba tlhakanetse mafudiso ka jalo barui ba tshwanetse ba ela tlhoko tlhagogo ya malwetse.

O ne a tlhalosa gore morui mongwe le mongwe o tshwanetse a tshwaya a bo a rwesa kgomo ya gagwe lenyena gore ba tle ba kgone ba rekise kwa mmarakeng wa mafatshe.

Dr Moeng o ba rotloeditse go kwala tsotlhe tse di supang motlhala wa kgodiso ya seruiwa sengwe le sengwe.

Mekwalo e ka thusa go supa gore seruiwa sengwe le sengwe se kentilwe ka eng, a ba rotloetsa le go kentela diruiwa dibokwana ba dirisa melemo e ba e kwaletsweng, atlatsa ka go  ba kopa gore ba dirise dikitso tsa bakenti go ba thusa go dira dilo ka tolamo.

A re melemo e mentsi mo mmarakeng ka jalo barui ba tshwanetse ba dirisa bakenti go ba thusa go laola malwetse mo merakeng ya bone.

Ngaka o ne a tswelela ka go tsibosa barui gore bolwetse jwa motshweetshwee/sekwape bo ole mme bo tshwanetse jwa begwa ka ponyo ya leitlho.

O tlhalositse gore bolwetse joo bo a tshelanwa e bile bo borai ka gore bo ka tsisa lopalo le go baka lotsalo lo lo kwa tlase.

Moeteledipele wa koporase ya barui ba dihutshane ba ba ikopantseng mo kgaolong eo Rre Leo Tumaeletse o kopile barui go ikopanya go bereka ba le setlhopha gore ba ntshe lentswe le le lengwe.

A re ke bone ba ba kopileng matlhabelo ao ka jalo ba tshwanetse ba ema ka dinao ba bereka mmogo.

Ba lephata la Temo-thuo mo kgaolong eo ba tsweletse ka letsholo la go buisanya le barui le banni go ralala metse yotlhe mo kgaolong eo go ipaakanyetsa go bulwa ga matlhabelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Phuthego tsa kgotla

Date : 31 Jul 2023