Breaking News

Ba Lejwana ba roletswe diofisi tsa kgotla

30 Jul 2023

Kago ya diofisi tsa kgotla ke sesupo sa maikaelelo le maitlamo a puso a go isa ditlamelo kwa bathong go fefosa ditirelo.

Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang Dr Edwin Dikoloti o buile se a bula diofisi tsa kgotla kwa  Lejwana.

A re go nna teng ga diofisi go dira tiro ya baeteledipele motlhofo ka jaana ba kgona go kopa bodiredi kwa pusong ka kitso ya gore go na le fa ba berekelang teng.

A re ka nako tse dingwe bodiredi bo palelwa ke go ya kwa mafelong mangwe ka go sena fa ba ka berekelang teng.

Dr Dikoloti a re diofisi tseo ke tsa seemo se kwa godimo ka jaana di setse di tsentswe maranyane, a tlatsa ka go re ke maitlamo a puso gore dikago tsa puso di gokelwe maranyane e le nngwe ya matshego a tlhomo-ntsha ya ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi.

O boletse fa maranyane a  tlaa thusa setshaba go fetola dikakanyo, mme a re tumelo ke gore e tlaa seke e nne mokgabo hela. Dr Dikoloti o kopile banni go tlhokomela dikago tseo go re di tle di ba tswele mosola.

O gakolotse bodiredi jotlhe jwa puso mafoko a ga Tautona a gore mongwe le mongwe a leke go fetola ka fa a dirang dilo ka teng.

Mopalamente o tsweletse gape a re dikago tseo di tlaa thusa go oketsa badirela puso mo motseng oo.

Modulasetilo wa kgaolo ya Good Hope/Mmathethe Rre Fanki Motsaathebe o boletse gore dikago tseo di agilwe ka madi a a fetang sedikadike sa dipula le dikete di le makgolo a mabedi.
A re ntswa go nnile le tiegonyana mo kagong eo, tiro e ne ya fediwa ka madi aa neng a dumalanwe, a tlatsa ka gore khansele e ikaelela go direla setshaba ka botswa pelo.

O tlhaloseditse banni gore ditlhabololo di a kgaoganwa mme ka jalo ga di nke di tla nako e le nngwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : LEJWANA

Event : Pulo ya diofisi

Date : 30 Jul 2023