Bogosi le sepolotiki ga di tsamaelane
30 Jul 2023
Kgotla ke motheo wa puso ya batho ka batho, ka jalo kgosi jaaka mmusi, motlhokomedi wa morafe o tlhoka go iphapa mo sepolotiking ka se kgotlela bogosi.
Tona ya Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o buile se kwa tirong ya go tlhoma Dr Peter Mazebe II Mothataesi Sebina wa kgotla ya Sebina kwa Serowe ka matlhatso.
Kgosi Mazebe II o tlhomiwa jaana, morago ga gore rraagwe kgosi Topo Sebina, a tlogele tiro ka bogodi.
Kgosi Mazebe II, o tsaya jaana a santse e le motlhatlhelela dithuto kwa University of Botswana.
Rre Autlwetse o boletse fa sepolotiki se sentse tsamaiso ya bogosi gompieno ka gore mapolotiki mangwe a sena boammaruri ebile e le balotlhanyi.
Ka jalo tona o gakolotse kgosi Mazebe II go iphapha mo go inaakanyeng le sepolotiki.
“A sereto sa gago e nne polotiki. O kgosi ya batho botlhe ka nako tsotlhe. Ke tswelela ke go gwetlha go nna mo dinakong ka jaana dingwaga tsa gago di santse di letla gore o ka siana-siana go bapalela morafe wa gago,” tona a bolela.
Rre Autlwetse a re puso e tseela serodumo sa kgotla le bogosi kwa godimo ka go bo dira bontlha bongwe jwa puso ya letsatsi.
O mo rotloediste go dirisana le bagwebi ba ba ikemetseng go tlhabolola kgotla le morafe wa gagwe.
“Ke nona pelo go gaisa ka gore thulaganyo ya peo ya Kgosi Mazebe II ke karabo ya selelo sa me kwa lephateng le lo nthomileng kwa go lone gore a merafe e nne le ditso tse di papametseng mo mokwalong, gore re le merafe re nne le tlhatlologanyo ya bogosi e e kwadilweng ya ba ya rurifatswa ke one morafe ka sebele, jaaka ba dirile,’’a rialo.
Tona Autlwetse o boletse fa neelano ya bogosi e nyelela mo merafeng ka bontsi mo Botswana, a re lephata la gagwe le faraferwe ke dikgang tsa dikgotlhang tsa bogosi ka lebaka la gore mo boseong jwa bone mongwe le mongwe ke kgosi ebile dikgotla tshekelo e nna tsone babei ba dikgosi.
“Go tlhokega ga ditso tse di kwadilweng tsa ba tsa rurifatswa mo merafeng ka bontsi go kgotletse bogosi mo jaanong le tsone dikgotlana tsa tetlanyo di leng motlele mo di fekeetsang letseno la puso mo marareng,’’ ga bua Rre Autlwetse.
O boletse fa Kgosi Mazebe II a goroga ka nako e e maleba lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go tokafatsa ditiro le ditirelo tsa lephata la marara, go tsisa ditlamelo mo Batswaneng ka bofefo e bile di faphegile.
Fa a mo tlhoma mo setilong a bo a mo neela seikokotlelo, Kgosi Sue Mosenyi wa Bokaa kwa Kgatleng, o ne a bolela fa morafe wa kgotla ya Sebina mo Serowe e le Bakaa, e le masika a bone.
O boletse fa Bakaa ba aname le lefatshe la Botswana, bangwe ba le kwa mokwena, kgatleng, Serowe le kwa bokalaka.
Kgosi Mosenyi o boleletse morafe gore kgosi e a tlotlwa, e a ratwa, e a gakololwa ebile e dibelwa ke morafe wa yone.
O kgothaditse Kgosi Mazebe II go busa morafe wa gagwe ka tekatekanyo, a tlhalosa go re ‘Kgosi setlhare se se kotangwang ke dinonyane tsotlhe’.
O mo gakolotse go nna keletlhoko mo go bao ba ba mo gakololang ka gore bangwe ba tlaa itira ba ba mo thusang mme ba mo gogela kwa thaelong.
Kgosi Mosenyi o mo gakolotse go bereka le bo rangwaneagwe thata le go tshepha Modimo ka nako tsotlhe.
Motsadi, kgosi Topo Sebina o gakolotse morwae gore molelo o seka wa tima mo kgotleng e a sa tswang go mo e neela.
A re a seka a tagiwa ke maemo jaaka bangwe mme a berekele morafe wa gagwe ka boammaruri, bopelotelele le bonatla.
Mmaagwe, Eunice Montlane Sebina o ne a iteela kobo moroko a gakolola morwae gore a seka a lebala maikano a gagwe a bogosi.
O boletse fa ba mo godisitse ka fa molaong e le ngwana yoo utlwang.
Fa a amogela thomo kgosi Mazebe II, o ne a lebogela dikgakololo tsotlhe a re o tlaa di tshegetsa.
O lebogile batsadi ba gagwe, a re ba mo godisitse sentle.
O boletse fa kgotla e le yone mmuso wa selegae mme kgosi a tshwanetse a nna le dithata tsa go busa morafe wa gagwe sentle.
Kgosi o itlamile go bereka le morafe gore ditlhabololo di seka tsa salela kwa morago mo kgotleng ya bone.
O boletse fa Bakaa ba tshwanetse ba ikitse lefatshe ka bophara mme ba bereke mmogo ka neelano, ba ise bokaa jwa bone kwa pele.
Kgosi Mazebe II o kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go tla dikgotleng gore ba ithute tsamaiso ya Setswana ka ele bone baeteledipele ba kamoso.
A re ba tshwanetse ba ithute merero ya kwa kgotleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Peo ya kgosi
Date : 30 Jul 2023