Metse e abetswe ditima molelo
27 Jul 2023
Banni ba dikgaolo tsa Tsabong le Hukuntsi ba abetswe didirisiwa tsa ditimamolelo bosheng morago ga dithutopuisanyo tse di neng di tshwerwe go ralala dikgaolo tseo di rulagantswe ke ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng go thusa go tsibogela melelo e e ka tlhagogang.
Mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi, moeteledipele wa lephata la dikgwa le dibapalwa nageng, Rre Tawana Maunganidze yo o okametseng dikgaolo tsa Tsabong le Hukuntsi o tlhalositse fa letsholo leo, le ba le boloditseng go simolola ngwaga o o fetileng go fitlhelela ngwaga ono le tsamaile ka thelelo.
A re morago ga go itemogela melelo e e tlhagogang kgapetsakgapetsa mo kgaolong eo ba ne ba simolodisa letsholo leo, le mo nakong ya gompieno ba setseng ba rutuntshitse batho ba le sekete mo dikgaolong tseo ba ba amuleng dithuto tsa go tima molelo le gone go ithuta ka fa e tshwarwang ka teng.
Rre Maunganidze o ne a tlhalosa fa ba setse ba rutuntshitse banni mo metseng e le masome mane.
Mo motseng mongwe le mongwe go abetswe ba le masome mabedi le botlhano, ka jalo go solofetswe diphetogo le botsipa jo bo tlaa diragadiwang ke morafe go na le go baya morwalo otlhe fela mo pusong.
O boletse fa ba simolotse go abela merafe fire beaters go simolola ka 2021 go fitlhelela ngwaga ono mo metseng e e mo dikgaolong tseo.
A re e tlaa re mo bogaufing ba beye mo dikgotleng dikapetlana tse di tlhagisang ka melelo go ya ka palo e lephata le tlaa e kgonang.
Rre Maunganidze a re melelo e na le ditlamorago tse di sa siamang ka barui mo dikgaolong tseo ba ikaegile ka thuo ya dikgomo le dihutshane.
O gakolotse setshaba ka kakaretso go tsaya boikarabelo ka go nna le seabe fa melelo e tlhagile ba tshwaraganye le dikgosi, komiti ya ditlhabololo le batsaya karolo ba bangwe.
Mo potsolotsong, Kgosana Taelo Dipoo go tswa Maubelo o ne a rurifatsa fa ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng ba ne ba rutuntsha bangwe mo morafeng wa gagwe mabapi le melelo le go ba neela didirisiwa, selo se a supileng fa se tlaa ba direla tiro motlhofo ka nako ya fa melelo e tlhagile.
O tlhalositse fa morago ga thutopuisanyo eo ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go tima molelo ka tshwaragano le ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng e le boeteledipele, morafe le komiti ya ditlhabololo.
O ne a supa fa ba setse ba le malala a laotswe go ipaakanyetsa go tsaya karolo le boikarabelo ka go nna le seabe fa melelo e ka tlhaga e a boletseng fa go le ga ntsi e ama dipolasi le meraka e e gaufi le motse.
O rotloeditse morafe wa gagwe le setshaba ka kakaretso go ithaopela go dira ka natla go sireletsa leruo le dithoto tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MAUBELO
Event : Potsolotso
Date : 27 Jul 2023